Breaking News

Kokelwana e tlaa fokotsa mosuke

08 Dec 2020

Motshwarelela mogolwane wa Sekgoma Memorial Hospital, Dr Kesh Mumbumba a re go bulwa ga kokelwana ya Old Sekgoma Memorial Clinic, go tlaa fokotsa mosuke kwa dikokelwaneng le kwa kokelong e tona.

Fa a bua kwa go bulweng semmuso ga kokelwana eo ka Mosupulogo, Dr Mumbumba a re e tlaa fokoletsa banni ba Serowe ba ba ntseng ba tsaya ditlamelo tsa botsogo kwa dikokelwaneng tse di kgakala le bone mosepele, le go fokotsa mosuke kwa go tsone. 

A re mosuke o ne o le montsi kwa Sekgoma Memorial mo bangwe ba neng ba tlhola letsatsi lotlhe koo, fa ba ile go bona dingaka.  

Dr Mumbumba o ne a lebogela puso go baakanya kokelo e kgologolo ya Sekgoma, go e dira kokelwana gore setshaba se e dirise.

O tlhalositse fa kokelwana eo, e tlaa bulwa maphakela, e tswalwa maitsebo, ka mabaka a tlhaelo ya didirisiwa dingwe, mme a re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ka Moranang ngwaga o o tlang, e dire bosigo le motshegare.

Dr Mumbumba o ne a solofetsa setshaba se se tlaa dirisang kokelwana eo ditirelo, le go tlhokomelwa ga dikago.

A re ditirelo tsa kokelwana eo di tlaa akaretsa fa go tlhatlhobelwang teng, fa go direlwang ditirelo tsa bomme; eleng tsa boimana le thibelo boimana; fa balwetseng ba TB le kokelwana ya banana.

Kgosi Evelyn Sebinanyane wa kgotla ya Sebinanyane a re go bulwa ga kokelwana eo go tsisitse boitumelo mo banning ba Serowe, bogolo jang ba dikgotla tse di mabapi le yone, ka go sena kokelwana gaufi le bone.

Kgosi Sebinanyane a re banni ba tlaa dirisa kokelwana eo ka e le gaufi le bone, go fokotsa ditshenyegelo.

A re ba ntse ba dirisa dipalamo tsa setshaba go ya go batla ditlamelo tsa botsogo.

Fa a afa malebo, mokhanselara wa Palamaokuwe, Rre Gaotilwe Omphile o ne a leboga puso go bo e ne ya dira se morafe wa Serowe o neng o se akantse.

A re puso e ne ya bona go tshwanela go somarela dikago tsa kokelo ya ntlha mo Serowe, e banni ba e bonang e le ditso mo go bone.

O ne a kopa banni ba Serowe le bodiredi jwa kokelwana eo, go e somarela ka e le botlhokwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Pulo Semmuso

Date : 08 Dec 2020