Borre ba rotloediwa go kanola sehuba ka boitsholo jo bontle
08 Dec 2020
Mmereki mo lephateng la Merero ya Setshaba, Boagedi le Tsa Bong kwa Serowe, Mme Peoyame Tladi a re borre ba ba nnileng le seabe se sentle mo malwapeng le mo setshabeng, ba tshwanetse ba tlotlomala, ka ba le sekao mo go borre ka bone.
O buile jaana ka Mosupologo, Sedimonthole a tlhola ga supa, jaaka lephata le ne le simolodisa letsatsi la mafatshefatshe la borre, a re setlhogo sa monongwaga ke go rotloetsa puisanyo e e molemo ka borre, boleng le seriti sa bone.
Mme Tladi o tlhalosa fa letsatsi la mafatshefatshe la borre le simolotse ka 1999 kwa Trinidad and Tobago, ke Dr Jerome Teelucksingh.
O ne a supa fa letsatsi le, le ipelela dintlenyane tse borre ba di kgonneng, le tsotlhe tse ba di diretseng setshaba, bogolo jang tse di nang le bokao.
A re ke letsatsi la go tlotlomatsa borre go rotloetsa ba ba saletseng kwa morago.
Mme Tladi a re ipelelo letsatsi le, e tla ka nako e lefatshe ka bophara e lwantshanang le COVID-19.
“Ka ditsela tse dintsi, COVID-19 e ka gakatsa kana ya gakadiwa ke go tlhoka tekatekano ya bong, sekai e le koketsego ya dikgang tsa kgokgontsho e bile go supega fa ya bong e le segajaja se se iphitlhileng,” ga tlhalosa Mme Tladi.
Mokwaledi wa lekalana la borre Rre Kethobogile Batsweletse a re lekana le le diretswe gore borre ba kgone go nna meriti ya bomme e seng go nna ditau mo go bone, ba tsee botsogo jwa bone ka tlhoafalo gape ba nne le seabe mo kgodisong ya bana.
O tlhalosa fa borre ba tshwanetse go nna bagakolodi, ditlhogo le go sireletsa ba malwapa a bone.
Rre Batsweletse a re ngwana wa mosimane o tshwanetse go tsaya malebela mo go rraagwe e seng gore a mo tshabe.
O ne a rotloetsa borre go tlotla bana ba basetsana, go ba rata gore ba felele ba ba tlotla e seng go ba bona e le basadi ba bone.
Mmereki wa Botswana Network Ethics Law and HIV/AIDS (BONELA), Rre Kegomoditswe Sekgwathe a re lekana le le ikemetseng ka nosi le itebagantse le ditshwanelo tsa setho, semolao le tsa botsogo.
A re ba na le nako e ba tsenang mo metseng lefatshe ka bophara go dira dipatlisiso ka malwetse ka go farologana.
Rre Sekgwathe a re ba ne ba dira dipatlisiso tsa bolwetse jwa HIV/AIDS mme ba supa fa dipalo tsa borre ba ba tlang dikokelong go itlhatlhoba di le kwa tlase, mme lekalana le le ne la tla ka lenaneo le le ka thusang borre ka tsa botsogo.
O ne a tlhalosa fa ba na le makalana a a thusang batho ba ba kgokgontshiwng jaaka dikgosi, mapodisi le ba boipelego.
A re ba thusa batho ba ba sa ikamogeleng mo setshabeng ba ba nang le HIV/AIDS mme ba sa batle go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare.
Rre Sekgwathe o tlhalosa fa batsadi, segolo jang bomme ba gataka ditshwanelo tsa bana ka ba ba rontsha borraabo ka lebaka la gore ga ba bereke tiro ya sepe mme ba ba reye mafoko a e seng a nnete jaaka gore ba gatilwe ke terena.
Rre Sekgwathe o ne a rotloetsa bomme go letlelela borraagwe bana go nna le seabe mo kgodisong ya bana ntle le go lebelela itsholelo ya borre ba ka ba na le tshwanelo ya go tsaya karolo mo kgodisong ya bana.
O ne a supa fa ba thusa batho ba ba tshelang ka bogole ka ditlamelo e bile ba simolotse go tsena mo malwapeng go sidila batho ba ba amilweng ke COVID-19 maikutlo.
Go sa le pele fa a amogela baeng, Kgosi wa Malaka, Rre Dikakanyo Otukile o ne a re o solofela gore batho ba lemogile fa ba tshwenngwa ke malatsi a mantsi mme kgokgontsho ya bong e tsere phekelo e sele ka dipalo tsa teng di tsholetsega tsatsi le letsatsi.
Kgosi Otukile o tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho ya bong di nnile dintsi ka nako ya kiletso mesepele ka lebaka la COVID-19.
O ne a akgola borre botlhe ba ba kgonneng go tla pitsong, a re o solofela fa ba tlaa gasa molaetsa.
Kgosi o ne a re o tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong le dititeo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Malaka
Event : Ipelelo Letsatsi La Borre
Date : 08 Dec 2020