Kgokgontsho e ka ama itsholelo ya malwapa - Makwinja
08 Dec 2020
Mothusa tona wa Lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, a re bothata jwa dikgang tsa kgokgontsho ya bong, di tshwanetse go lwantshiwa ka mashetla, go hema seemo se mo go sone ditoro tsa bana ba ba kgokgontshiwang di phirimisiwang ke maikutlo a a kotlometseng.
E rile a bua mo bokopanong jwa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana kwa Lentsweletau ka Tshipi, Mme Makwinja a supa fa bothata jwa kgokgontsho bo tshwenya ka bo ka phirimisa toro ya go eletsa botshelo jo bo rileng.
A re bana ba ba angwang ke dikgang tse ga ba kgone go atlega mo botshelong, ntlha e e felelang e ama itsholelo ya malwapa ka go oketsa botlhoki.
“A dikgang tsa kgokgontsho ya bong e nne boikarabelo jwa rona re le batho, go leka go di fenya ka go fetola boitshwaro jo bo tlhokang seabe sa mongwe le mongwe go dira pharologanyo,” ga gakolola mothusa tona.
Mme Makwinja, yo e leng mopalamenete wa Lentsweletau/Mmopane, o tlhagisitse batho go fetola maitsholo, pele ga molao wa go baya mo pontsheng badira melato eo o tsena mo tirisong.
“A re fetoleng maitsholo nako e santse e le teng, e sere kgotsa ra thanya lomapo lo le tsebeng,” ga gakolola Mme Makwinja.
Reverend Ketshabile wa kereke ya UCCSA kwa Lentsweletau, o kopile dikereke go nna le mananeo a a tsepameng a tsamaiso e e tlamang boitshwaro jo bo siameng jwa maloko, gore setshaba se rotloetsege go itse fa kereke e le botshabelo, ka go okwa ke boitshwaro jo bo eletsegang jwa maloko.
Moruti o ne a supa fa go tshwenya gore ditiragalo tsa kgokgontsho dingwe di utlwala kwa dikerekeng, mme a solofela fa bothata joo bo ne bo ka fenngwa ka go nna le ditsamaiso tse di nonofileng tsa thulaganyo ya dikotlhao tsa ba ba fapogang tsamaiso.
Rev. Ketshabile o ne a kopa dikereke go tshwaragana le bodiredi go nna le seabe mo go fetoleng setshaba ka go tsenya thuto, go hema kgolo ya dikgang tsa kgokgontsho.
O bile a supa fa a tshwentswe ke go tlhoka go bonala ga seabe sa dikereke mo tlhabololong matshelo a morafe wa Lentsweletau.
“Ke tshwenngwa ke gore motse wa rona, o na le dipalo tse dintsi tsa diphuthego tsa dikereke, mme di emetse kwa thoko di ikgatholosa boikarabelo jwa go thusa go aga setshaba,” ga bua moruti.
Moruti Ketshabile, o ne a kgothatsa diphuthego go itse fa seabe sa bone se le botlhokwa mo go bopeng tshaba e e boifang bosula.
Kgosi Lebotse Kgosidintsi ene o kopile Batswana go thusa go lwantsha seemo se se kekelang sa dikgang tsa kgokgontsho, tse e leng tsone di amileng kagiso le kgololesego ya setshaba.
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Lentsweletau le tikologo, Sub- Inspector Lingisisani Masubi, a re seemo sa dikgang tsa kgokgontsho ya bomme le bana se tsweletswe ka go etesegela kwa Lentsweletau, ka jaana badira melato ba falola dikotlhao ka go tshololwa ga dikgang, fa dingwe e le tsa go bipa mpa ka mabele.
“Tsholofelo ya rona e mo go tlhamiweng ga makgotla a dikgang tsa kgokgontsho, ka jaana a ya go thusa go fefosa ditsheko gore dikgang tse di begelwang mapodisi di fefogelwe pele bangongoregi ba ka fetola megopolo,”ga bua Sub- Inspector Masubi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Lentsweletau
Event : Bokopano
Date : 08 Dec 2020