Breaking News

Sekole se agetse ngwana ntlo

07 Dec 2020

Bodiredi jwa sekole se sebotlana sa Mophaneng mo kgaolong ya Tswapong bo agetse ngwana yo o dingwaga di ferang bongwe ntlo ya kamore e nngwefela ka ba ne ba gwetlhilwe ke polelo e a neng a e kwadile kwa sekoleng kwa Maape.

Mogokgo wa sekole seo, Mme Thato Mogaetsho a re barutabana ba tshwanetse go itse diemo tsa bana kwa malapeng a bone go netefatsa fa ba sa kgorelediwe ke sepe go dira sentle mo dithutong tsa bone. 

A re ngwana yo o agetswenng ntlo eo, ke ene a ba gwetlhileng gore ba tle go mo agela ntlo e ka lebaka la polelo e a neng a e kwadile.

O tlhalosa fa ngwana yoo a ne a kwadile gore o batla go ithuta thata gore a tle a agele nkukuagwe ntlo a tona go fetola seemo sa bone sa kwa lapeng. 

Mme Mogaetsho o tlhalosa fa ngwana yo a kwadile jaana makgetho a mararo mme ba ne ba rwala ditlhako go etela lelapa le go bona se ngwana a buang ka sone.

Mme Mogaetsho a re ba ne ba thulantsha ditlhogo e le ba Mophaneng go bona gore ba ka tswa ngwana yo thuso jang. 

A re mme ka kutlwelobotlhoko ya Modimo ba ne ba kgobokanya madi ba bo ba kopa dithuso mo bathong gore toro ya bone ya go inola ngwana yo mo leubeng e atlege. 

O supile fa ba sa remelela mo thutong ya bana fela mme ba na le maikaelelo a go fetola kana go tsaya karolo mo banning ba Maape.  

Ke ka moo a reng  ba ne ba seka ba ipona tsapa mo go thuseng ngwana yo. 

“Ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, re ne ra kokoanya madi, ra kopa dithuso mo bathong le kwa madirelong a a  farologaneng,” ga bua Mme Mogaetsho.

Mogolwane wa thuto wa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami, Mme Alice Sitale o ne a re e le ruri Batswana ke tshaba e e kgathalang ka motshelo a batho e bile e na le mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato. 

Mme Sitale o ne a re go supa fa bodiredi jwa Mophaneng bo na le tebelopele mo matshelong a batho. 

“Re le neela seriti mo mosong wa gompieno, mme re le rotloetsa go godisa seriti se ka go tlhokomela ntlo e e bile le thuse ngwana yo gore toro ya gagwe ya dira sentle kwa sekoleng e atlege,” ga bua Mme Sitale.

E rile a ntsha la gagwe, Rre Mothusi Maribe go tswa kwa ofising ya Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami a re go a bonala gore mowa wa tshwaragano, lorato le pelotelele o rena mo bodireding jwa Mophaneng ka e bile maduo a bone a tsholetsega ngwaga le ngwaga. 

“A mowa wa thusano o tswelele go ya pele e bile peo e e jwelelele mo dipelong tsa batho botlhe go simolola ka bana,” ga bua Rre Maribe.

Mme Kesegofetse Keitshentse mo boemong jwa ngwana wa ngwana wa gagwe o ne a re o leboga bodiredi jotlhe jwa sekole se sebotlana sa Mophaneng gammogo le botlhe ba ba ithaopileng go tsaya karolo mo kagong ya ntlo ya bone. 

“Modimo a le rudise molemo o o sa feleng a bo a le segofatse,” ga bua Mme Keitshentse.

 Kgosi Rantsiapana wa Maape a re bodiredi jwa Mophaneng bo rutile setshaba botlhokwa jwa go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho. 

“Ke le eleletsa masego le matlhogonolo mo matshelong a lona, a Modimo a le segofatse ka go sego letshogo le le abang go na le le le amogelang,” ga bua Kgosi Rantsiapana. A re puso e rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go leba ba ba mabapi go netefatsa gore ba tshela botshelo jo bo siameng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : MAAPE

Event : Tholo ya Ntlo

Date : 07 Dec 2020