Dikomiti di rotloediwa go nna le kelelelo
07 Dec 2020
Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o rotloeditse dikomiti tsa tlhabololo tsa magae tsa kgaolo ya Nhabe go somarela le go dirisa madi ka kelelelo gore di kgone go diragatsa maitlamo a tsone a go tlhabolola metse.
Mme Seemule o buile jaana kwa phuthegong ya kabelano megopolo e e neng e rulagantswe ke khansele-potlana ya Maun mo mafelong a beke.
Go ya ka Mme Seemule, go botlhokwa gore dikomiti tsa ditlhabolo di tle ka methale e e farologaneng ya go dira madi, go na le go ikaega ka puso.
Mme Seemule o ne a rotloetsa dikomiti go ipeela seelo sa madi a di tlaa a dirisang, gore di kgone go se sala morago gore maitlamo a tsone a kgone go diragala.
“Go botlhokwa gore le nne le motshwara madi yo o boikanyego e bile a na le boikarabelo gore lo kgone go dirisa madi ka kelelelo,” ga bua jalo Mme Seemule.
O ne a rotloetsa dikomiti go tshwaragana le go kopa dithuso tsa madi mo makalaneng a a farologaneng, a a ikemetseng ka nosi, go tsisa ditlhabololo mo magaeng a bone ka puso e ka seke ya kgona go dira jalo e le nosi.
Mme Seemule o ne a kgala a sa kgwe mathe mangwe maloko a dikomiti, a go belaesegang fa a itirisetsa madi a dikomiti ka bokukuntshwane.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa itsholelo ya magae mo khanseleng ya Bokoni Bophirima, Rre Modise Sekgwake o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go gagamatsa maikarabelo a dikomiti tsa ditlhabololo tsa magae, le go ba rotloetsa go dirisa madi ka fa tshwanelong.
Rre Sekgwake o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa magae di nne le boeteledipele jo bo nonofileng, mme e bile bo kgona go tsaya ditshwetso tse di ka tsisang pharologanyo mo go tlhabololeng metse.
O ne a rotloetsa maloko a dikomiti go tsaya boikarabelo ka go netefatsa gore ba ba kopileng boroko mo matlung a bone, ba duela ka nako e e tshwanetseng, mme ba ba sa direng jalo ba tseelwe dikgato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgosietsile Bontsi
Location : Maun
Event : Phuthego
Date : 07 Dec 2020