Dikereke di kgothadiwa go lwantsha kgokgontsho
06 Dec 2020
Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Reverend Mpho Moruakgomo, o rotloeditse dikereke go se seketletse dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Fa a bua kwa pitsong ya borre kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e e neng e rulagantswe ke lekgotla la dikereke kwa Selebi Phikwe ka Labone, Rev. Moruakgomo a re twantsho ya kgokgontsho e ka kgonafala ka tshwaragano ya dikereke, dikgosi le puso.
A re nako ya go bua go sa dirwe sepe e fetile mme se se setseng ke go tsaya kgato go emisa kgokgontsho.
O supile fa baruti ba na le boikarabelo le bokgoni jwa go bopa setshaba.
“Metlha ga e sa tlhole e le ya maloba ya go sekeetletsa mafoko, go tshwanetse ga buiwa dikgang jaaka di ntse gore go kgonwe go bonwa modi wa kgokgontsho.”
A re go tshaba go bua boammaruri jwa se se diragalang go ka dira gore seemo se bo se felela se tswa mo taolong.
Rev Moruakgomo o ne a supa fa mo nakong tse di fetileng go ne go sena ngwana yo go neng go twe ga a na batsadi ka motsadi mongwe le mongwe a ne a tsaya ngwana mongwe le mongwe jaaka ngwana wa gagwe.
A re se, se ne se thusa go bopa bana ba ba nang le maitseo e bile ba na le maikarabelo. O ne a supa fa nako dingwe go tlhoka go ruta bana ngwao go na le seabe ka maele mangwe a Setswana a nonne go bopa bana e bile a ka kgona go ba dibela mo diphatseng, a tlatsa ka gore Setswana se se reng pelo potsane e a golegwa se rotloetsa boitshwaro jo bo siameng mo setshabeng.
E rile a tswa la gagwe Reverend Gabriel Tsuaneng a supa fa lefatshe le apesitswe ke leroborobo la kgokgontsho ya bong e e supang e golela pele, a re maikaelelo a bokopano ke go tswa ka megopolo e e ka thusang go tswa ka tlharabololo ya mathata.
Rev Tsuaneng a re dilo tse di diragalang mo nakong ya gompieno di a tshosa ka bomme, bana le bagolo ba ba setseng ba itapetse ba setse ba tshaba le go ya go tlhola ba masika ka ntata ya dithubetsi tse e ka bong e le bone basireletsi ba bone.
O ne a rotloetsa baruti go fetola ka fa ba ntseng ba dira ka teng mme ba itebaganya le go bopa malwapa a a tlaa kgonang go godisa bana go nna baeteledipele ba ba ka tsogang ba sireletsa setshaba.
Mongwe wa ba ba amegileng, Rre Gomolemo Rankosha, o ne a gatelela kgang ya gore baruti ba rwele boikarabelo jwa go bopa setshaba ka ba tsaa botlhale jwa bone kwa modimong, a supa fa a ne a kgona go emelana le dikgwetlho tse a neng a kopana le tsone ka thuso ya bone.
Rre Rankosha o ne a supa fa nyalo ya gagwe ya ngwaga tse di lesome le bongwe ene ya fela go le botlhoko ka ntata ya kgokgontsho.
A re fa e ne e se kemo nokeng ya baruti, o ka bo a ne a tsaa ditshwetso tse e seng tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Pitso ya borre
Date : 06 Dec 2020