Ba kgothadiwa go tswelela ka go ntsha maduo
06 Dec 2020
Go galaletsa le go lemoga seabe sa barutabana, baithuti le ba-na-le seabe mo thutong go botlhokwa.
Go boletse jalo dibui kwa moletlong wa go ipelela le go tlotlomatsa dikole tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba tse di dikileng di ntshitse maduo a a nametsang mo ditlhatlhobong.
Moletlo oo, o ne o tsenwe ke baemedi ba dikolo tsa Masunga senior, Ramoja JSS, Thamani JSS le Mowana Primary School ka di dikile di dirile bontle.
Mookamedi wa lephata la thuto go tswa kwa moding wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Labane Mokgosi a re go lemoga motho tebang le se a se dirang kgotsa a supile katlego mo go sone, ke selo se se molemo go mo tiisa moko.
O gwetlhile barutabana go tswelela ka go tlhotlheletsa botlhale mo baithuting gore ba kgone go diragatsa se se tlhokiwang mo go bone ka dinako tsotlhe, a re seo se ka dira gore ba ntshe maduo ntle le go salwa morago ka tiriso ya thupa.
Rre Mokgosi o ne a gwetlha megokgo go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa, ba ba nnang ba bulegetse bodiredi mme e bile ba amogana megopolo le bone.
A re gore moeteledipele a kgone go isa lekalana le a le okametseng golo gongwe, go botlhokwa gore a tlhaloganye bodiredi jo a dirang le jone ka seo se ka thusa gore a kgone go goga le bone.
O ne a ba tlhaba podi matseba go nna ba ipha matsapa a go kwatabolotsa ka fa dikolo dingwe di dirang ka teng.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya thuto gotswa kwa moding ya Masunga, Mme Angela Matlhape, ene o boletse fa kabo dietsele e sa itebaganya le barutabana fela, mme bodiredi jo bongwe le jone bo fiwa tlotla eo, ka jaana le bone ba tsaya karolo mo katlegong ya maduo a sekolo.
Mme Matlhape o ne a supa fa a itumedisiwa ke ka fa dikole tsa kgalo eo di tsweletseng ka go dira ka teng mo dithutong.
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Masunga, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a supa fa go tiisa motho moko ka go mo akgola kgotsa go mo atswa ka sengwe.
A re ba itlamile go diragatsa maitlamo a bone a go atswa baithuti le barutabana ba ba diragatsang seelo sa sekole.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekolo sa Masunga senior, Rre Moses Mputshana o ne a akgola dikolo tse, tse di dikileng di dirile go tlala ka diatla, a re ke sesupo sa gore ba tsaya thuto tsia, a tlatsa ka gore seo gape se beile folaga ya kgaolo kwa mankalankaleng.
Rre Mputshana o boletse fa mo godimo ga moo, ba tshetse mmu dikakanyo tsa gore dikolo tse di mo ditoropong ke tsone di dirang sentle mo dithutong, ka jalo a ba gwetlha go tshwara fela jalo ka maikalelo a go gatela pele go ya go ileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Moletlo
Date : 06 Dec 2020