Breaking News

Mmakaseterata o laola mmereki go duela mohiri

06 Dec 2020

 Mmakaseterata wa Maun, Mme Keneilwe Kgoadi, o atlholetse monna wa dingwaga tse masome a mabedi le boferabongwe molato wa go utswa e le mmereki.

Fa a ntsha kotlhao ka Labone, mmakaseterata o laotse gore mosekisiwa e bong Mosupi Taolo wa kgotla ya Sedie kwa Maun a duele mohiri wa gagwe P6 000 pele ga kgwedi eno e le malatsi a le masome a mararo.

Mmakaseterata Kgoadi a re go sa duela madi go tla a baka gore mosekisiwa a tlhatlhelwe dikgwedi tse pedi mo kgolegelong. 

Go ya dintlha tsa molato, e ne ya re ka Lwetse ka ngwaga wa 2018, mosekisiwa a romiwa ke khamphani  ya Ker and Downy Safaris kwa kampeng ya Kanana.

Mosekisiwa go bolelwa a ne a neelwa US$775 le R300 gore a ye go a fetolela mo dipuleng a tle a kgaoganngwe babereki botlhe.

Fa a ipobola, mosekisiwa o ne a re o kopa mmakaseterata gore a mo utlwele botlhoko ka a re ke ene motlhokomedi wa lelwapa la gagwe.

O ne gape a re o kopa gore mmakaseterata a mo itshwarele ka a re maikaelelo a gagwe ene ese go utswa madi ao, mme a re madi ao a tserwe ke tsala ya gagwe nngwe mme a sa itse kwa tsala eo e leng teng. 

O bile gape a re o kopa gore lekgotla le mo letlelele go duela madi ao. Mmakaseterata Kgoadi o ne a re o atlholela mosekisiwa go utswa ele mmereki ebile a re mosekisiwa o ne a na le sebaka se sentsi go siamisa seemo ka go duela madi ao. 

A re mosekisiwa o ne a itsa babereki ba bangwe go akola madi ao a ba lebogiwang ka one. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Tsheko

Date : 06 Dec 2020