Breaking News

Itshidilo mmele e botlhokwa mo tirong

06 Dec 2020

Komiti ya boitekanelo kwa Palapye e ne e tshwere letsatsi la itshidilo mmele bosheng go rotloetsa badiredi go ntsha maduo mo tirong. 

Fa a bua kwa tirong eo, mokwaledi wa ga molaodi, Rre Kolobetso Otlhasitse, o tlhalositse fa go itshidila mmele go baya mmele mo seemong sa go lwantsha malwetse aa farologanyeng. 

A re fa motho a sa itshidile mmele, o kgona go sa nne sentle mo moweng mo go dirang gore a seka a thusa batho sentle mo tirong.

Rre Otlhasitse a re go botlhokwa go itshidila mmele ka go tila go tshabelelwa ke madi a matona le malwetse a pelo. 

A re fa motho a itshidila mmele oa lapologa e bile motho o kgona go akanya botoka. 

A re motho o tshwanetse go itshidila phakela le maitseboa ka jalo a letlelele mmele wa gagwe go lapologa le go sila dijo sentle.

 “Re se re se jang,” ga bua Rre Otlhasitse. 

Rre Otlhasitse o tlhalosa fa botsogo jwa motho yo o sa itshidileng mmele bo le mo diphatseng. 

O ne a rotloetsa batho go simolola itshedilo mmele ba sa le bannye gore mmele o tlwaele. 

Mo go tse dingwe, komiti ya boitekanelo e ne ya nna le moletlo wa dijo tsa motshegare go keteka letsatsi la keresemose ka maikaelelo a go arogana maele, melaetsa le dimpho tsa  letsatsi leo le gore ba ka itlhokomela jang.

Mmmereki wa ofisi ya molaodi, Rre Tshepo Mogojwe ene a re puso e ne ya simolodisa lenaneo la boitekanelo mme ba le amogela ka tsoo-pedi, ba dira ditiro tse di ka ba bopang mo tirong gore tsalane e le babereki. 

O ne a re ba a kopana gangwe le gape go amogana maele ka sepe fela se ba nang le sone kana se ba se beileng mo tafoleng.

Rre Mogojwe o ne a tlhalosa fa ba na le ditiro jaaka go keteka malatsi a matsalo, bokopano jwa Labobedi mongwe le mongwe, go rekanela dimpho tsa keresemose  le itshidilo mmele.

A re go botlhokwa thata go tsaa karolo ka gore fa mongwe a ikgapela kwa tlhoko le kamoso fa a na le mathata batho ba bo ba sa mo thuse ka a sa dirisane le bone.

Rre Mogojwe o ne a re ntswa ba sa lekane e se meno, mme o rotloetsa botlhe go leka fa ba ka kgonang teng go tsaya karolo mo ditirong tse go supa mowa wa lorato le tshwaragano. 

Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye Rre Odiseng Moruti o ne a leboga komiti ya boitekanelo gore e bo e kgonne go dira tiro e e simolotseng phakela ka itshidilo mmele

O ne a re batho ba tshwanetse go  tsaya lenaneo le  ka tlhwaafalo ka le lebagane le babareki botlhe e bile botlhe ba tshwanetse go tsaya karolo.

Rre Moruti o tlhalosa fa lenaneo le le botlhokwa ka le bopa batho e bile le a ba aga go  nna seopo sengwe.

 Molaodi ne a re ka go tlhoka lesego go tshelwa mo nakong e e thata ya segajaja sa COVID-19, keletso e ne e ka nna gore fa ba fetsa, ba bo ba ya go iphokisa phefo ko ntle. 

O ne a re ngwaga o ke o o pharologano ka mabaka a bolwetse jwa COVID-19, botsalo jwa morena mono ngwaga bo ya go ketekiwa ka fa tlase ga melawana ya bolwetse joo. O rotloetsa babereki go sala ditaelo tsa COVID-19 morago go lwantsha bolwetse jo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Palapye

Event : Letsatsi la itshidilo mmele

Date : 06 Dec 2020