Breaking News

Botlhoki bo ka tlhotlheletsa kgokgontsho

06 Dec 2020

Bomme bangwe ba Sehunou ba re letlhoko la madi le dira gore ba ikaege ka bo borre ba kwa morago ba fetogang go nna bakgokgontshi.

Ba buile se kwa thuto puisanyong ya letsatsi kwa Sehunou bosheng.

 Mme Peoyame Tladi go tswa kwa lephateng la bong kwa Serowe, o boletse fa go na le seemo se mokgokgontshi a iponang e le ene yo o ka tsayang ditshwetso a le nosi mo go tsa madi, ka jalo a rontsha mosadi go nna le sebaka sa go ikokotleletsa kgotsa go itseela ditshwetso ka tsa itsholelo le madi.

O boletse fa kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo e le tsela e ka yone motho a lekang go laola yo mongwe ka go utlwisa maikutlo a gagwe botlhoko.

Mme Tladi a re se se ka diga seriti sa yo o amegileng mme a felele a tshabelelwa ke malwetse ka ntlha ya kutlobotlhoko e.

A re dikai tsa kgokgontsho e ke go tshosetsa yo mongwe, go gataka yo mongwe ka dinao, go boulela, le go sotla yo mongwe ka go mmitsa maina.

Mme Tladi o kaile fa kgokgontsho ya bong e bakwa ke go tlhoka kitso ka kgokgontsho le thibelo ya yone, mo a gateletseng fa e le yone modi wa kgokgontsho ya bong.

O buile a sa kgale mathe ganong ka fa ditumelo, ditiro le ditlwaelo dingwe tsa ngwao di dirisiwa jaaka seipato go kgokgontsha ba bangwe.

A re go iphetisa majalwa le ditagi, go sa itse ditshwanelo tsa ba ba amegang, go dumela gore ga gona molato fa rre a mo tsietsa le go ineela mo kgokgontshong ga bomme le bobelotshetlha ke dingwe tsa tse di rotloetsang kgokgontsho.

Mme Tladi a re dipalo di supa gore bontsi jwa batho ba ba kgokgontshiwang ke bomme.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go na le bomme ba ba kgokgontshang borre.

O boletse fa bana le bone ba amiwa thata ke kgokgontsho.

Mme Tladi o boletse fa kgokgontsho ya bong e na le ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka dikgobalo tse di akaretsang go robega, dintho le bogole, loso, go ima e se ka maikaelelo go dirwa ke go patelediwa tlhakanelo dikobo kana go idiwa go tsaya tsa thibelo pelegi.

A re go thubega ga malwapa le gone gore bana ba ba goletseng mo malwapeng a a nang le kgokgontsho kana ba kile ba kgokgontshiwa go dira gore bana bao ba kgokgontshe ba bangwe.

Mme Tladi tseo ga se tsone ditlhabi fela tse di bakiwang ke kgokgontsho, mme tse dingwe ditlhabi e le go inyatsa le go latlhegelwa ke seriti, go tshelela mo poifong le go nna le mathata a tlhaloganyo ga yo o amegang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Sehonou

Event : Thuto puisanyo

Date : 06 Dec 2020