Breaking News

Mthimkhulu o akgolela Xhumatsikhu TP katlego

06 Dec 2020

Mothusa Tona wa Merero ya ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Dumezwini Mthimkhulu o akgoletse lekgotla la Xhumatsikhu TP go bo e le lone la ntlha mo lenaneong la nyeletso lehuma go fitlhelela sedikadike sa dipula.

Rre Mthimkhulu o ne a bua kwa moletlong wa go ipelela katlego le tswelelopele ya lekgotla leo kwa Rakops ka Labone.

A re maitlamo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ke go nyeletsa lehuma ka go netefatsa gore Motswana mongwe le mongwe o tshela botshelo jo bo nang le seriti.

Mothusa Tona a re Botswana ke lefatshe la ntlha go nna le toro ya go nyeletsa lehuma le le tseneletseng.

A re fa e sale lenaneo la nyeletso lehuma le simolodisiwa, kgaolo ya Boteti e setse e thusitse batho ba le  sekete makgolo a mane, masome a marataro le borobabobedi (1 468) mme ba le sekete le lekgolo le masome a mabedi le bone(1 124) ba dira sentle fa lekgolo le masome a robabobedi le boraro ba sa dira sentle. 

A re kwa Boteti go thusitswe mananeo a le mabedi ka metshine ee dirang magala kwa Letlhakane le lone la toilet paper kwa Rakops a otlhe a dirang sentle.

Rre Mthimkulu a re lekgotla le le kwadisitsweng ka leina la XHUMATSIKHU le supa tshwaragano ya metse ya Xhumo, Mmadikola, Tsienyane le Khumaga, a tlatsa ka gore lenaneo le le itsege ka leina la XUUXOO le e leng lone ba le kwadisitseng mo pamphiring e ba dirang ka yone.

A re ba simolotse go dira ngwaga oo fetileng ka kgwedi ya Hirikgong, a tlhalosa gore le fa ba le magorogo masha ba kgonne go dira dipoelo mo dikgweding tse supa.

A re setlhopa se sa bomme le borre se kgonne go fetola seemo sa matshelo a bone ka thulaganyo le.

Rre Mthimkulu a re Xuuxoo e dirile ditso ka e le lenaneo lantlha la nyeletso lehuma go nna le tomagano le marekeisetso a matona a bo Choppies le ama gape le dikgalo tsa Botswana di akaretsa Gumare, Maun, Tonota, Bobonong le Mahalapye. Rre Mthimkhulu a re fa lenaneo la nyeletso lehuma   le simolodisiwa  go ne go sena ope yoo dumelang gore lehuma le ka nyelediwa, a supa gore gompieno katlego ya setlhopha sa Xhumatsikhu ke sesupo sa gore lehuma le kgona go nyelediwa. 

Mogokaganyi wa nyeletso lehuma Rre Montshiwa Montshiwa o boletse fa ba ne tsaya motshine kwa Lobatse o sa dirisiwe mme go na le tse ditlhaelang mo go one.

A re ka nako eo bontsi jwa batho ba ne ba batla go thusiwa ka lenaneo la dipodi, a re ba ne ba ba rotloetsa gore ba ipope setlhopha gore ba  kgone go fiwa lenaneo le le tona.

A re ba ne ba simolola ka go ba rutuntsha go nna setlhopha, morago  ba ba rutuntsha ka kgwebo le tse di tlhokafalang mo go yone. 

O tsweletse a re go ne go se motlhofo a tlhalosa gore didirisiwa tsa lenaneo le ba di tsaya kwa mafatsheng a mangwe,, mme gone moo go tsale tiego. 

Rre Montshiwa a re dikhamphane dingwe jaaka Debswana, Lucara, Choppies le morafe wa  kgaolo ya Boteti ba ne ba ba eme nokeng, a akgola  boeteledipele jwa  puso jo  bo ba thusitseng  ka mmaraka.

A re lenaneo le le tsweletse sentle ka ba setse ba kgonne go atolosa madirelo a bone e bile ba kgone go itlhabolola kwa malwapeng jaaka go ikagela matlo, go reka leruo le go bula dikgwebo.

Mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo, Mme Sebopiwa Moyoba a re o ne a batla dipodi e seng kgwebo e, a re o leboga ba nyeletso lehuma ka bogakolodi jwa bone . Mme Moyoba a re lenaneo le le mo ntshitse mo lehumeng ka gore o kgonne go aga  ntlo ya boroko ya ditena tsa semente, o robala sentle le fa dipula dina.   Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Rakops

Event : Moletlo

Date : 06 Dec 2020