Breaking News

Se jwaleng mowa wa kgokgontsho

06 Dec 2020

Sengwe sa dilo tse go belaelwang di tlhotlheletsa  kgokgontsho ke gore batsadi bangwe ba e direla mo matlhong a bana. 

Se se senogile kwa nngweng ya ditirelo tsa malatsi a le lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho kwa Mosojane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng.

Dibui di boletse fa bana ba ba tshelelang mo malwapeng a kgokgontsho ba gola ka kitso ya gore kgokgontsho ke yone molemo wa tlharabololo ya sengwe le sengwe.

 Ba tlhalositse fa bana ba go nna jalo ba felela ba kgokgontsha le bana ba bangwe kwa dikoleng. 

Go ne ga senoga fa go le botlhokwa gore batsadi ba lemose bana fa molemo wa kgang e le go buiwa eseng go ikanya mabole jaaka bangwe ba akanya. 

Bangwe ba ne ba supa fa go le botlhokwa gore kgodiso ya ngwana wa mosetsana e tshwane fela le ya ngwana wa mosimane. 

Ba  re go godisa bana ka tsela e e tshwanang go ka thusa gore ba gole ba itse fa ba na le ditshwanelo tse di lekanang.

Mogolwane mo ofising ya tsa bong kwa Masunga, Mme Oneile Gababotse a re batsadi ba tshwanetse go itse fa go le botlhokwa gore ba tlhokomele bana ka go lekana go sa kgathalesege gore a ke ba ba kwantle ga lenyalo kana jang. 

A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa kgokgontsho e rontsha motho ditshwanelo  tsa gagwe tsa setho, a kaya fa dipatlisiso di supa fa e babalela thata bomme le bana.

Moemedi go tswa kwa lekgotleng BONELA, Mme Tshephang Mokane a re go botlhokwa gore batho ba tlhaloganye fa kgokgontsho e se ya go ketekwa ka mabole fela mme go kgoba bangwe ka mafoko le gone ke kgokgontsho.

Ka jalo, batho ba leke bojotlhe go tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe mme e bile ba ele tlhoko mafoko a ba a dirisang go tlhomamisa gore ga se a lekgobo. 

O ne  a fa sekai ka batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe, a re ga ba tshwanela go kgojwa ka mafoko ka ntlha ya seemo sa bone.

Mme Mokane o ne a gakolola batho gore ka dinako tsotlhe fa ba etetse makalana ka go farologana, ba dirise tshwanelo ya bone ya go batlisisa ka tse ba sa di tlhaloganyeng. 

Mmoni wa Mosojane, Rre Patrick Maphorisa, a re go tshwanetse ga dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng go leka go bona modi o o ka tswang o baka kgokgontsho, a re ke gone fela mo go ka thusang go rarabolola dikgang tsa kgokgontsho.

Bangwe ba batho ba amilweng ke kgokgontsho ba ne ba nna le sebaka sa go tlhalosetsa batsena letsatsi leo ka mogote o ba o arametseng le o ba kileng ba o ralala ka ntlha ya kgokgontsho.

Mongwe wa bone o ne a supa fa a ne a bona go le botoka go iphalotsa ka go tsaya tshwetso ya go tlhalana le monna yo a neng a mo kgokgontsha.

A re o ne a bipa se seng se mo diragalelang ka lebaka le le leele ka tsholofelo ya gore dilo di tlaa boela mannong le ntswa a ne a babalelwa.

Yo mongwe ene o boletse fa a setse a babaletswe mo go senang ka ntlha ya kgokgontso e a tshelelang mo go yone go tswa mo mohumagading wa gagwe, ka jalo a kopa ba ba lebaneng go mo tswa thuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mosojane

Event : Moletlo

Date : 06 Dec 2020