Letlole la kgokgontsho le ka thusa
03 Dec 2020
Mme Malebogo Molefhe, yo o amilweng ke kgokgontsho, o kopile puso go dira letlole le le ka itebaganyang le go thusa botlhe ba ba kgokgontshiwang.
Fa a buisa phuthego ya khansele ya Gaborone ka Laboraro, Mme Molefhe o boletse fa letlole leo le ka thusa gore ba ba amegileng ba bone ditlamelo tsa botsogo tse di botoka.
A re o tshwenngwa ke gore batho ba ba amilweng ke manokonoko a kgokgontsho ga ba bone thuso e e tlhapileng mo go tsa botsogo.
Mme Molefhe a re makhanselara a tshwanetse go tsenya dikgang tsa kgokgontsho mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi gore batho ba lemoge fa kgokgontsho e le borai ebile e ama le ka fa bana ba golang ka teng.
A re seemo sa kgokgontsho mo Botswana se tsere phekelo e sele, ka jalo se tlhoka go lwantshiwa ke botlhe.
E rile a tlhalosa ka fa a kgokgontshitsweng ka teng, Mme Molefhe a tlhalosa gore o ne a hulwa makgetho a ferabobedi ke moratiwa wa gagwe wa pele, seemo se feletseng se mmaya mo kolotsaneng e mo thusang go tsamaya.
Mme Molefhe a re jaaka Botswana a le mo malatsing a a lesome le borataro a twantsho kgokgontso, keletso ya gagwe ke gore malatsi a, a wele go sena sepe se diragalang se se tsamaalanang le kgokgontsho ya bomme le bana.
O kopile bogogi jwa khansele ya go nna sekao ka go dira mafelo a a amogelang batho ba ba tshelang ka bogole jaaka ene, a supa gore ga a kgone go kgweetsa kolotsana ya gagwe ko ntle le thuso ya mongwe ka gore ga go a dirwa ditsela tse di siametseng dikolotsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : Gaborone
Event : Phuthego
Date : 03 Dec 2020