Mogolwane o rotloetsa botlhe go tlhopha
03 Dec 2020
Motlhophisi mogolo mo ofising ya ditlhopho kwa Mahalapye, Rre Tlhagiso Pilatwe, a re thulaganyo ya ditlhopho e turu, ka jalo go botlhokwa gore didirisiwa tse di ntsheditsweng tiro eo di dirisiwe ka botlalo.
O buile jalo mo thuto-puisanong e rulagantswe ke lekgotla la ditlhopho kwa Mahalapye ka Labobedi.
A re ka nako ya ditlhopho, bontlha bongwe ya ba ba ikwadisitseng bo felela bo sa tlhophe.
A re go dirisiwa madi a mantsi go dira dipampitshana tsa tlhopho, ka jalo go tlhoka go tlhopha ga batho bangwe ke poleo morago.
Rre Pilatwe o kgothaditse botlhe ba ba ikwadisitseng go nna karolo mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho ka go tlhopha.
O ne a supa gore sengwe sa dilo tse di tshwenyang ke palo e ntsi ya ditalama tse di senyegang ka letsatsi la tlhopho.
Rre Pilatwe a re sengwe se ba se lemogileng ke gore banana ba santse ba ngosela ka gore ba tlhopha ka dipalo tse di kwa tlase, ka jalo go botlhokwa gore ba rutwe ka botlhokwa jwa go nna le seabe mo ditlhophong.
O kaile fa segajaja sa COVID-19 se amile lenaneo la ofisi ya ditlhopho, ka jaana maikaelelo e ne e le go tsena mo setshabeng ba buisana le batlhophi ka dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2019 le go itse se se ka dirwang go baakanyetsa ditlhopho tse di tlang.
A re ka ba sa kgone go tshwara diphuthego, ba tlaa dirisa maranyane go gasa molaetsa.
Mogolwane wa lekgotla la ditlhopho, Mme Masego Modimowagae, a re o tshwenngwa ke gore Batswana ga ba tsibogele go ikwadisetsa dilthopho.
Mme Modimowagae a re ka ngwaga wa 2019 go ikwadisetsa ditlhopho go boeleditswe makgetho a le mararo, mme are seemo seo, se oketsa ditshenyegelo tsa lekgotla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto-puisanong
Date : 03 Dec 2020