Badiri ba agela monni wa Moreomaoto ntlo
03 Dec 2020
Mogokaganyi wa merero ya setshaba kwa khamphaneng ya Lucara, Mme Kgalalelo Mokgweetsi a re go aba ke selo se se molemo.
Mme Mokgweetsi o buile jalo fa a rola ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo ee agilweng ke badiri ba kokelwana ya Moreomaoto ka Laboraro.
Ntlo e e agetswe Mme Tlhokamatlho Mathoko yo go tlhalosiwang fa a ne a ithaopetse go apeela bana ba sekole.
Mme Mokgweetsi a re fa motho a batla go segofala o tshwanelwa ke go nna le mowa wa go aba ka jaana go le lesego letsogo le le abang.
A re badiri ba, ba diragaditse lengwe la matshego Tebelopele ya 2036 ka ba supile gore ba kgathala go thusa ba ba tlhokang.
Mme Mokgweetsi a re badiri ba botsogo ga baa itebaganya fela le tiro ya bone ya go isa ditlamelo tsa botsogo ko setshabeng mme ba supile fa ba na le lerato le mowa wa bopelotlhomogi.
A re lorato ke selo sa botlhokwa a tlhalosa gore fa e kabo mongwe le mongwe a na le lerato go kabo go sena letlhoko le kgokgontsho mo lefatsheng.
O ne a rotloetsa banni ba Moreomaoto go ithuta mowa wa boithaopo, a tlatsa ka gore ba ka kgona go tlhabolola motse wa bone.
O rotloeditse banni go dira motshelo wa go agelana matlwana a boitiketso.
Mongwe wa badiri ba kokelwana ya Moreomaoto, Rre Frederick Boitatotswe, o tlhalositse fa mongwe wa bone a ne a tswa ka mogopolo wa go thusa, Mme Mathoko, mme botlhe ba o atla.
Rre Boitatotswe a re ba ne ba kgobokanya madi, mme ba leka go a oketsa ka go dira meletlo ka go farologana.
A re ba ne ba kopa dithuso mo dikhamphaneng le mo setshabeng ka kakaretso go akaretsa le Mothusa Tautona yo gape e eleng mopalamente wa Boteti Bophirima go thusa.
Molomaganya ditiro tsa lekalana la botsogo (District Health Management Team), Mme Gasebatho Kedikilwe o ne a leboga badiri ba lephata la gagwe go bo ba dirile tiro e ntle e.
Mme Kedikilwe a re tiro e ga e motlhofo a tlholosa gore se ke sesupo sa gore ba bereka ka lerato le tshwaragano.
A re go bereka le morafe sentle ka tlotlo le go godisa mowa wa therisano go tsisa maduo a a nametsang mo tirong.
Kgosi Michael Masheto wa Moreomaoto ene o ne a tlhalosa fa Mme Mathoko a ne a ithaopile go apeela bana kwa sekoleng se se botlana sa motse oo ka lebaka le le telele.
Kgosi Masheto a re mme yo ona le seabe se se tona mo ditlhabololong tsa motse wa gagwe le lefatshe la Botswana ka jaana a alositse setshaba.
Kgosi Masheto o ne a leboga thata go bo bangwe ba mo lemogile ka go mo agela bonno jo bo siameng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Chakona Loso o ne a akgola badiri ba kokelwana ya Moreomaoto, a re ke batho ba ba lorato le mo tirong ya bone. Rre Leso are o eleletsa badiri ba, katlego mo go tsotlhe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Moreomaoto
Event : Tholo ya ntlo
Date : 03 Dec 2020