Breaking News

Komiti ya ditlhabololo e supa lerato mo bagoding

02 Dec 2020

 Komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Wenela kwa Maun e supile tlhokomelo mo bagoding ka go ba direla dijo tsa motshegare.

Fa a bua kwa tirong eo, modulasetilo wa komiti, Rre Ketshele Mowaneng, o tlhalositse fa ba dirile moletlo oo ka ba ne ba batla go supa lerato mo bagoding.

O tlhalositse fa bagodi ba nnile le karolo e tona mo go bopeng setshaba, ka jalo batshwanetse go lebogiwa le go lemogiwa ka dinako tsotlhe.

Rre Mowaneng o boletse fa moletlo oo wa dijo tsa motshegare e ne ele nngwe ya sesupo sa go bereka ka natla lego itlama go tlhabolola matshelo a batho ba kgotla ya bone.

“Re itlamile go dira modiro o ngwaga le ngwaga gore re tle re tsise monyenyo mo difatlhegong tsa bagodi barona”, ga bua Rre Mowaneng.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Koketso Rrabosigo, wa kgotla ya Shageng kwa Maun o ne a tlhalosa fa go le thata gore bagodi botlhe ba kanna le thata ya go ka ithekela dijo mo nakong ee thata e setshaba se aperweng ke segajaja sa COVID-19.

O kaile fa go le botlhokwa go supa lerato le tlhokomelo mo setshabeng ka seo ele go tshegetsa maitlamo a puso ago tlhabolola le go fa batho seriti.

“A re tsweleleng ka go tsaa karolo mo go tokafatseng matshelo a tshaba yarona, sejo sennye gase fete molomo ebile bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya ntsi,”ga bua Kgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgosietsile Bontsi

Location : Maun

Event : Dijo tsa motshegare

Date : 02 Dec 2020