Breaking News

Mokhanselara o na le tsholofelo

01 Dec 2020

Mokhanselara wa kgaolwana ya Diphetogo mo Gaborone, Rre Tshepo Moloko, a re o na le tsholofelo ya gore dipone tsa mekgwatha ya toropo kgolo Gaborone di tla a tshuba.

O buile jalo ka Labobedi fa a akgela mo pegong ya ga ratoropo Rre Father Maphongo kwa phuthegong ya khansele ya Gaborone ka Mosupologo.

Rre Moloko, yo o leng moeteledipele wa diphathi tsa kganetso kwa khanseleng ya Gaborone, a re toro ya ga ratoropo ya go bona mekgwatha yotlhe ya Gaborone e tshubile e ka nna katlego e kgolo thata.

A re tsholofelo e ne ele gore tiro ya go baakanya dipone tsa mekgwatha e wele mo kgweding tse nne mme seo  ga se ise se kgonege.

Fa a bua ka go tsewa ga matlakala mo toropong, Rre Moloko a re go tlhabisa ditlhong gore le fa toropo kgolo e nale dikoloi tse di olelang matlakala di le masome a mabedi le bosupa, mo nakong eno  go dira di le nne hela. A re ratoropo o tshwanetse go tlhotlhomisa se se bakang tshenyego ya dikoloi tse ka bokete jo bo kana le gone go sena tlhaloso epe e filweng makhanselara le mororo toropo e tsweletse ka go leswafala.

Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolwana ya Tsogang, Mme Veronica Lesole, a re ga a itumedisiwe ke gore o kare boeteledipele jwa khansele bo repisitse setoropo mo badiring ba khansele ka gore ditiro tsa khansele ga di dirwe ka nako e di e beetsweng.

 A re ditlhabololo tse khansele e tshwanetseng go di dira di tsaya nako e telele di sa wediwe mme ka jalo se se rontsha Batswana go bona ditlamelo tse ba di tlhokang.

Mokhanselara wa Naledi Bokone, Rre Oarabile Motlaleng ene a re banni ba kgaolwana ya gagwe ba lela ka go kwarantinwa mo matlung a bone le ntswa e le matlo a mabotlana ka jalo se se baya bana le ba bangwe mo diphatseng tsa go tsaya mogare mo go ba bangwe.

A re banni ba Old Naledi ga ba na bonno jo bo siameng go ka kwarantinwa mo go jone.

Mo kgannyeng ya go oketsa dituelo tsa go neela Batswana ditirelo, Rre Motlaleng o ne a kopa khansele go nama e eme pele ka jaana batho ba goga bokete ka mabaka a seemo sa seru sa COVID-19.

Mokhanselara o o itlhophetsweng ke tona, Rre Kaisara Sejoe, ene a re khansele e ne e dumalane gore ditsela tsotlhe tsa Gaborone di thijwe mahuti me ga go a dirwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aubrey Maswabi

Location : Gaborone

Event : Pego

Date : 01 Dec 2020