Setlhopha sa Boipelego se rotloeditswe go obamela molaomotheo
30 Nov 2020
Moitseanape wa dikoporasi tsa temo-thuo mo lephateng le le rotloetsang dikgwebo tsa temo-thuo, Mme Annah Lephalo, o rotloeditse maloko a setlhopha sa Boipelego Dam Group go obamela molaomotheo wa setlhopha sa bone.
Fa a bua kwa bokopanong jwa ngwaga jwa setlhopha kwa Bonwapitse ka Labotlhano, Mme Lephalo o boletse fa molaomotheo wa setlhopha e le maitlamo a go diragatsa maikaelelo le dikeletso tsotlhe tse setlhopha se di dumalaneng.
O rotloeditse maloko go netefatsa gore ba itse molaomotheo le go tlhomamisa gore ba diragatsa se ba se dumalaneng.
A re ba gololesegile go tlhabolola molaomotheo fa ba lemoga gore ditsetlana dingwe mo go one di siilwe ke nako.
“Rona keletso ya rona ke gore, se le setseng le se diretswe ke puso, le se somarele gore ditlhopha tse dingwe di tle di tseye malebela mo go lona gore batho ba kgona go bereka sentle ba tshwaragane. A re lekeng go somarela thata thuso e re setseng re e filwe ke puso ka gore ga go monate gore e re le sena go thusiwa a bo le lesa go phutlhama,” Mme Lephalo a kgothatsa.
Kgosi Totswana Tshegang wa Bonwapitse ene o kgadile a menne phatlha seemo sa borukutlhi kwa motseng oo. Kgosi Tshegang o supile matshwenyego ka dirukutlhi tse a reng di onatsa naga ka go utswa motlhaba.
A re borukutlhi jo, bo akaretsa gape le bogodu jwa leruo le go rema ditlhare ka tsela e e babalelang tikologo.
Go lwantsha seemo se, kgosi o kopile maloko a setlhopha sa Boipelego Dam Group gore ba ikopanye le mapodisi mme ba thuse go kgalema.
O kopile maloko go ema nokeng modulasetilo wa setlhopha, Rre Fraizer Motaneko a re ke motho yo o tlhaga e bile a dira tiro ka tlhwaafalo.
Fa a lekodisa ka botsogo jwa setlhopha, Rre Motaneko o tlhalositse fa setlhopha se bone go le botlhokwa go kopa Mme Lephalo go tla go ba fa dikgakololo ka go ntshafatsa molaomotheo wa bone o o digelang dingwaga tse pedi.
Rre Motaneko o rurufaditse fa setlhopha se dirisana sentle.
A re setlhopha se itlamile go tlhopha maloko a le matlhano a a tlaa dirisanang le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
“Re a kgalema le diphuthego re a di tshwara re a buisana mme re ntse re setse morago melawana ya ba botsogo ya go lwantsha kanamo ya mogare wa corona,” Rre Motaneko a supa.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Bokopano
Date : 30 Nov 2020