Setshaba se kopiwa go bega kgokgontsho
30 Nov 2020
Mapodisi a Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a ne a tshwere thuto puisano go abelana megopolo le baithuti gammogo le barutabana ba dikole tsa kgaolo eo ka dikgang tsa kgokgontsho.
Dibui kwa thuto puisanyong e neng e tshwaretswe kwa Zwenshambe bosheng di boletse fa tshwaragano e le yone fela e ka thusang gore ntwa kgatlhanong le kgokgontsho e fenngwe.
Ba tlhalositse fa nako e gorogile gore setshaba se eme ka dinao go lwa ka tsotlhe go fedisa kgokgontso.
Ka jalo ba ne ba gwetlha setshaba go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tsaya karolo ya gagwe tebang le go lwantsha seru se.
Le fa gontse jalo, ba ne ba supa ka monwana batsadi bangwe ba ba nang le mokgwa wa go sa sekegeleng tsebe dikgang tse di amanang le tshireletsego ya bana ba bone.
Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya, o ne a kgala batsadi bangwe ba ba nang le mokgwa wa go ikgogela kwa morago mo tatedisong ya dikgang tsa kgokgontsho e e amang bana ba bone.
A re go ngomola pelo go bona batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele fa bana ba diragalelwa ke dikgang tse di bosula mo lwapeng, mo e bile ba nnang le letlhoo mo barutabaneng fa ba bipolotse dikgang dingwe tse di amang bana.
Rre Ngayaya o boletse fa go le gantsi bangwe ba ba kgokgontshiwang e ya re ba sena go bega kgang phelelong ba e tsholola, fa gongwe ba fetoga batlhanka ba mafoko a bone.
A re ke dingwe tse di holodisang maiteko a go fenya ntwa kgatlhanong le kgokgontsho.
Ka jalo o ne a gakolola barutabana go seke ba goga dinao ka gope go tsibogela dikgang tse ba lemogang kgotsa ba belaela di diragalela bana.
Rre Ngayaya a re le bone fela jalo e le ba sepodisi, ba ikemiseditse go tsiboga le go fa setshaba seriti se se tlhokafalang fa ba tsile go bega kgokgontsho kwa kampeng ya bone.
Modiri gotswa kwa ofising ya Bong kwa Masunga, Mme Janet Mokhwe o ne a supa botlhokwa jwa gore bana ba rutwe ka kgokgontsho gore ba kgone go tsiboga ntle le tiego epe fa ba kopana le yone.
Mme Mokhwe a re go le gantsi fa go umakiwa kgokgontsho batho ba akanya bomme le bana ba basetsana, a re fela ba tlhaloganye fa e ama gotlhe le borre.
O ne a bo a itsese batsena thuto puisano eo fa dipalo di supa fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e le mo maemong a bobedi go angwa ke kgokgontsho fa e bapisiwa le dikgaolo tse dingwe tsa lefatshe leno.
Mme Mokhwe a re ka moo, go mo maruding a banni ba kgaolo go itlama ka gotlhe go lwa ntwa e e mashetla go fedisa bolwetse jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : ZWENSHAMBE
Event : Thuto Puisano
Date : 30 Nov 2020