Mokgatlho o thusa sekole sa Thabala
30 Nov 2020
Mokgatlho wa Thabala Pele Community Social Group o saenetse tumalano le sekole se se potlana sa Thabala go thusanya mo go tsa thuto.
Fa a bua kwa moletlong wa go saenela semmuso tirisanyo mmogo e ka Labotlhano, mothusa modulasetilo wa mokgatlho wa Thabala Pele, Mme Tebogo Sebego, o boletse fa maikaelelo a bone e le go thusanya le sekole sa Thabala bogolo jang ka nako ya kabo dimpho.
A re kwa ntle ga go ba thusa mo moletlong wa kabo dimpho ba tlaa a thusa gape le mo go tse dingwe tse di tlhokafalang mo sekoleng.
A re ba tlaa thusa ka dimpho tse di tla a fiwang baithuti ba lekwalo la botlhano go ya kwa go la bosupa.
A re ba tlaa ntsha P1 500 mme ba a kgaoganya go ya ka mephato.
Yo o gaisitseng mme a dirile matshwao a 80 per cent go ya kwa godimo o tlaa fiwa mpho ya P250 fa yo o molatelang a tla a fiwa P150 mme yo o tsereng maemo a boraro a tswe ka P100.
Mme Sebego a re mokgatlho wa gagwe o itlamile gore mo ngwageng o kopane le bogogi jwa sekole seo gabedi go utlwa gore ba tsweletse jang le go utlwa dikgwetlho tsa bone. Mme Sebego o ne a tlhalosa fa maikaelelo a lephata la thuto go gswa mwa moding e le gore ngwana mongwe le mongwe mo ngwageng tse lesome tsa tshimologo ya sekole sa gagwe a bo a filwe thuto go tswa kwa moding.
A re mokgatlho wa bone o tla a thusa baithuti ba sekole sa Thabala gore ba kgone go fiwa thuto eo ba le mo seemong se se tshwanang le baithuti ba ba kwa ditoropong gore maduo a bone a tsholetsege.
Mokgatlho oo o ne wa abela sekole seo diemere di le lesome le boraro, dintshwana tse di tsholang di le masome a mararo le bosupa le dijana di le 258 tse di tla a thusang ka nako ya baithuti ya dijo.
A re bolwetsi jwa Covid-19 bo tlhasetse mafatshe ka bophara mme ga ba a ka ba dira gore maitlamo a bone a kgorelediwe ke se.
Mme Sebego o ne a re mokgatlho wa bone o o kwadisitsweng ka 2017 ke wa boithaopo mme ba ithaopa jalo ba ithaopela sengwe le sengwe se ekareng ba se dira sa tlhabolola motse wa bone.
Mogokgo wa sekole sa Thabala Mme Annah Noke o ne a leboga ba Thabala Pele Community Social Group gobo ba itshupile fa ba kgathala ka motse wa bone.
A re tshwaragano ya sekole sa gagwe le mokgatlho oo sale e simolotse ka 2017 ba ntse ba thusa sekole sa gagwe.
A re pele ga mokgatlho oo o simolodisiwa go ne go na le bangwe ba ba mo mokgatlhong oo ba baneng ba ba thusa fela thata.
Ka jalo a re o na le tsholofelo ya gore sekole sa gagwe se tla a oketsa maduo a sone morago ga tshwaragano eo.
Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Serowe borwa Rre Boisie Lekgowe o ne a leboga mokgatlho oo a bolela fa maloko a one a tlhokana le go iteelwa legofi ka e bile e le banana.
A re banana bao ba dirile tiro e tona fela thata ka ba iphile matsapa a go akanyetsa gore ba ka direla sekole sa Thabala eng ntswa ba ne ba ka ikakanyetsa gore ba ka itirela eng.
O ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira maikaelelo a bone mme ba seka ba ipona tsapa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Thabala
Event : Tshaeno Tumalano
Date : 30 Nov 2020