A bana ba rutuntshiwe ka go lekana-Tshipe
30 Nov 2020
Mothusa kgosi kwa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe, a re bana ba basimane le basetsana ba tshwanetse go rutiwa le go fiwa ditshwanelo ka go lekana go itsa kgokgontsho ya bong.
Kgosi Tshipe o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe mabapi le malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong kwa Mahalapye ka Matlhatso.
A re bana ba basimane ga ba a tshwanela go newa thata ya go otlhaya ba basetsana, a supa fa se, se dira gore le fa ba godile, ngwana wa mosimane a tseele wa mosetsana kwa tlase mme seo se bake kgokgontsho.
Kgosi Tshipe o supile fa bogwera le bojale di ka dirisiwa go lwantsha kgokgontsho, mme fa go na le ditiro tse di rotloetsang kgokgontsho mo teng, di seka tsa salwa morago.
O kgothaditse borre gore ba etelele pele dikgang tsa kgokgontsho, ba supe fa ba sireletsa bomme ka go le gantsi bomme le bana ba basetsana ke bone batswa-setlhabelo ba kgokgontsho ya bong.
Mokhanselara wa Mahalapye North, Mme Julia Miranda, a re kgaolo eo e gateletswe thata ke dikgang tsa kgokgontsho.
Mme Miranda a re dikgang tsa kgokgontsho di tshwanetse go tsibogelwa, a supa fa bomme le bone ba kgokgontsha borre.
“Dipatlisiso di supa gore motho wa mme o bua mafoko a mantsi go feta a a ka buiwang ke rre ka jalo, bomme ba feletsa ba kgokgontsha borre ka go ba kgoba ka dipuo mme seo se bake borre go tsenya bomme letsogo,” Mme Miranda a supa.
Mme Cathrine Kapu wa mokgatlho wa An Ideal Woman Association a re go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho, batho ba tshwanetse ba nna le lorato mo go ba bangwe, a re motho o ka se utluse yo mongwe botlhoko fa o mo rata.
Mme Kapu o rotloeditse setshaba go ikaega ka Modimo go thusa go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho fa mokhanselara wa Mahalapye South Ward, Mme Abigail Mogalakwe a re Setswana sa re, lore lo ojwa lo sa le metsi, ka jalo batsadi ba rute bana ba santse ba le kwa tlase gore ba gole ka molaetsa wa go ema kgatlhanong le kgokgontsho.
Mme Mogalakwe a re batsadi ba na le seabe mo boitshwarong jwa bana, jo bo bakang kgokgontsho mme a ba gwelha go ela tlhoko ka fa ba godisang bana ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 30 Nov 2020