Ditlamorago tsa kgokgontsho ga di a siama - mogolwane
30 Nov 2020
Kgokgontsho ya bong e na le ditlamorago tse di sa siamang mo botsogong jwa batho.
Go tlhalositse jalo modiri mo lephateng la botsogo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Bakani Timothy, kwa thuto puisanong e neng e rulagantswe ke mapodisi a Masunga kwa Zwenshambe bosheng.
Maikaelelo a thuto puisano eo e ne e le go tlhatlhelela baithuti le barutabana ba dikole tse di welang ka fa tlase ga kampa ya sepodisi ya Masunga ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong le ka fa ba ka di tsibogelang ka teng.
Rre Timothy a re kgokgotsho e na le seabe se segolo mo go ameng botsogo jwa batho, a a fa sekai ka kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo, e a boletseng fa e na le seabe mo go kuketseng kanamo ya
HIV/AIDS ka go le gantsi fa e diragala go itseelwa dikobo ka dikgoka go sa dirisiwe tsa itshireletso.
O ne a tlhalosa gape gore kgokgontsho ya titeo e kgona go ama dikarolo dingwe tsa mmele, tse di ka amang tsholo ya motho le gone go baka tshenyegelo ya boimana kgotsa ya ama botsogo jwa losea le le iseng le tsholwe tota.
Rre Timothy a re e kgona gape go feletsa e bakile gore motswasetlhabelo a bone dikgobalo tse di masisi, mo go ka bakang bogole jwa sennela ruri, a tlatsa ka gore e ka baka gape gore motho a nne le maikutlo a a sa welang, mo a ka tlelwang ke dikakanyo tsa go ikgapela botshelo.
O tsweletse a bolela fa mo mabakeng mangwe bakgokgontshiwa ba felela ba inaakanya le nnotagi phitelela, ba leka go itebatsa se se ba diragaletseng mme seo se tsenye botsogo jwa bone mo diphatseng.
Ka jalo rre Timothy o ne a gakolola batsadi, batlhokomedi ba bana le barutabana go tlhaloganya bana, a re seo se ka ba thusa gore ba ba lemoge ka ponyo ya leitlho fa maikutlo a bone a kgoberegile mme ba kgone go batlisisa modi wa kgang le go ba thusa fa ba kgonang teng.
O ne a bo a gwetlha baithuti go ikela tlhoko ka dinako tsotlhe mo kgokgontshong, a kopa le bao ba ba neng ba tsene bokopano joo go amogana tse ba di amuleng le bakaulengwe ba bone.
Mo mafokong a gagwe, Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe ene o ne a supa fa go le botlhokwa gore ngwao e sekasekwe go bona gore a le yone ga ena seabe mo go kuketseng kgokgontsho ya bong.
Kgosi Mabutho a re o dumela gore mafoko mangwe a a dirising mo ngwaong ya tao ya banyalani jaaka a ‘monna ga a botswe kwa a go tswang’, le a mangwe a na le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho.
Le fa gontse jalo are lentswa borre ba di goga kwa pele mo go kgokgontsheng, fela le bone ba a kgokgontshiwa mme sebe sa phiri e le go bo ba swa senku. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Puisanyo
Date : 30 Nov 2020