Breaking News

Ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ke ya botlhe

29 Nov 2020

Morafe wa Mmadinare o kgothaditswe go bega dikgang tsotlhe tse di amanang le kgokgontsho.

Se se builwe ke Kgosi Matshwenyego Mosweu fa go ne go simolodisiwa malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana bosheng.O supile fa sengwe le sengwe se na le tshimologo, a tlhalosa gore pele kgokgontsho e diragala, go nna le motlhala, mme o bo o sa begelwe ba ba maleba. 

O tlhalositse fa lehuma le na le seabe mo kgokgontshong ya bomme, ka bontsi jwa bone ba sa bereke, mme ba ikaegile ka borre ba ba tshelang le bone.

Kgosi Mosweu o ne a kgothatsa bomme go ikemela ka dinao, go kopa thuso kwa makalaneng a a faologaneng jaaka baboipelego le mapodisi.

Mmaboipelego kwa kokelong ya Mmadinare, Mme Modiegi Masuku, ene o ne a supa fa ditlamorago tsa kgokgontsho di ama itsholelo le go baka dintsho.

O ne a kgothatsa setshaba go amogela ditlamelo tse puso e di ntshang, a tlatsa ka gore batho bangwe, ba palelwe ke go kopa thuso nako e santse e le teng.

E rile a tswa la gagwe, Ramapodisi wa motse wa Mmadinare, Assistant Superintendent, Tiro Kgang a supa fa kgokgontsho e golela pele, go ya ka dipalo tse ba setseng ba di kwadisitse.

O supile fa go simolola ka ngwaga wa 2018 go tsena ka wa 2020, go setse go bolailwe bomme ba le batlhano kwa motseng wa Mmadinare, fa bana ba dingwaga tse di ko tlase ba le masome a mabedi le bosupa ba dirisitswe botlhaswa. 

A re se se botlhoko ke gore ba dira melato ba a tshwarwa, mme morago baikuedi ba tsholole dikgang, a tlatsa ka gore go le gantsi, batho ba gonna jalo ba felela ba bolailwe.

Kwa bofelong modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Mmadinare, Bishop Bampoloki Rantsudu o supile fa dikereke dingwe di na le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho.

Bishop Rantsudu a re ba lemogile fa nako tse dingwe madi a meneelo a baka dikgotlhang kwa malwapeng, ka bontsi jwa nako a a bo a sa rerwa.

 A re kereke e tshwanetse go simolola go bua ka dilo tse di diragalang mo matshelong a batho, ka metlha e fetogile mo kgatelelo ya maikutlo e leng kwa godimo ka mabaka a matshelo a segompieno.

Bishop Rantsudu a re nako e gorogile gore dikereke di eme ka dinao go thusana le puso le setshaba, go lwantsha kgokgontsho, ka di na le balatedi ba bantsi, e bile setshaba se kgona go ba sekegela tsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana

Date : 29 Nov 2020