Go lema ditlhare go a busetsa
29 Nov 2020
Mme Ruth Maposa wa Goshwe, yo o dingwaga tse di masome matlhano le bone a re go lema ditlhare go a busetsa.
Mme Maposa ke mongwe wa batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2015.
A re o ne a itlhophela go lema ditlhare tsa meriti le tsa maungo ka a ne a na le lerato le kgatlego ya go lema ditlhare.
Mme Maposa a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka go lema ditlhare a bo a direkisetsa batho mo motseng was Goshwe.
A re mo mosepeleng wa gagwe, o ne a kopana le dikgwetlho tsa mmaraka, mo a neng a ya go latela bareki kwa mmolong wa Tutume.
A re seo ga se a ka sa mo swabisa, ka bareki ba ne ba tla ka makatlanamane, mme seo sa mo gwetlha go lema palo e ntsi ya ditlhare.
O boletse gore le fa ntswa a ne a lebanwe ke dikgwetlho tsa go nna a raletse tsela e e lekgarapana ya Goshwe go latela bareki kwa Tutume le go thapa koloi e e rwalang ditlhare, ga a ka a ineela ka a ne a tswelela ka mowa o le mongwe.
Mme Maposa o ile a leboga ba lephata la dikgwa le dibapala nageng kemo nokeng e ba e supileng mo go ene.
A re fa e ne e se ka bone, o kabo a ile a kalela mo tseleng mosepele o sa ntse o tsweletse wa go mo ntsha mo lehumeng.
A re o santse a tshwaragane le badiri ba lephata leo go nna a a sela maele le botsipa jwa go tokafatsa kgwebo ya gagwe.
Mme Maposa a re mo nakong ya gompieno o tsweletse sentle, e bile mmaraka o a nametsa gone kwa Tutume mo batho ba setseng ba letsa fa ba batla ditlhare.
O ne akgola lenaneo leo, a re ka lone o kgonne go epa disana le go agelela ka terata tshimo ya gagwe, mo jaanong a kgonang go lema go thusa ba lelwapa lwa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Posolotso
Date : 29 Nov 2020