Thusang ba-na-le bogole ka bopelotelele
29 Nov 2020
Mothusa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse, o akgoletse batsadi le batlhokomedi seabe sa bone mo matshelong a batho ba ba tshelang ka bogole.
O buile se ka Labobedi kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe ke lekgotla la tlhokomelo ya bana ba ba nang le bogole la Tsholofelo Rehabilitation Centre kwa Serowe.
Kgosi Serogola o gwetlhile batlhokomedi go tlhokomela bana ba ba tshelang ka bogole ka bopelotelele, a ba rotloetsa go begela ba ba tshwanetseng sepe fela se se sa siamang se se diragalang mo matshelong a bone.
O bile a ba tsibosa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bangwe mo setshabeng ba akaretsa bomme le ba-nale-bogole, a supa fa ga ntsi batho ba na le go fitlha dikgang tsa kgokgontsho segolo jang ya ba-nale bogole, mme a ba kopa go tsaya boikarabelo ka go sa direng jalo.
O tsweletse a ba bolelela fa go le botlhokwa go re batsadi le batlhokomedi ba nne le botsalano jo bo tiileng le bana ba bone.
Kgosi Serogola o ile a tswelela a ba tsibosa ka dikgwetlho tse batlhokomedi ba ba-nale-bogole ba lebaneng le tsone mme a ba rotloetsa go kopa Modimo go ba fa nonofo le botlhale jwa go tlhokomela bana ba go nna jalo, ebile ba seka ba inyatsa mo go se ba se dirang.
Kgosi o bile a tswelela a ba lebogela bopelotlhomogi jwa bone mme a leboga segolo bogolo bomme ka a re ba dira tiro e ntle mo go tlhokomeleng bana ba ba tshelang ka bogole.
E rile a tswa la gagwe morutabana wa bana ba ba nang le bogole kwa sekolong se se botlana sa Mabeleapodi Mme Kgomotso Bogosing o ne a supa fa ba-nale-bogole ba tlhokana le thuso gore ba tle ba fitlhelele ditoro tsa bone mo botshelong.
A re e le batlhokomedi le batsadi ba bana ba ba tshelang ka bogole ba tlhokana le go sidilwa maikutlo ka ba ralala dikgwetlho tse di thata mo mosepeleng wa bone wa go tlhokomela bana ba.
Mme Bogosing o tsweletse a ba rotloetsa go kopa thuso mo maphateng ka go farologana fa ba tlhokana le ditirelo di tshwana le go sidilwa maikutlo fa ba utlwa ba gateletswe mo meweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : Thuto-puisano
Date : 29 Nov 2020