Segajaja sa COVID-19 se amile maduo a ditlhabololo
29 Nov 2020
Molaodi wa ditlhabololo wa Boteti, Rre Goaletsa Keitumetse, a re segajaja sa COVID-19 se amile thulaganyo ya maphata a a farologanyeng ya go isa ditlamelo le ditirelo kwa setshabeng.
Rre Keitumetse o buile jalo kwa phuthegong ya khansele potlana ya Boteti ka Labobedi.
A re COVID-19 e bakile gore maiteko a go ntshiwa ga ditirelo le go dirwa ga ditiro tsa setshaba a wele tlase.
O tsweletse a tlhalosa gore seemo se se amile gape go latedisa mananeo a a tsweletseng mo kgaolong.
Rre Keitumetse o kaile fa bogogi jwa kgaolo bo dira gotlhe mo go ka kgonagalang go bona gore seemo sa go ntshiwa ga ditirelo le go dirwa ga ditiro tsa setshaba go a tokafala, a re se ba tlaa se kgona ka go ema nokeng maphata a a lebaneng gore a tle a kgone go isa ditlamelo ka nako kwa setshabeng ka botswerere.
Mo go tse dingwe o supile fa go kopanela dipalamo ga maphata a farologanyeng a a dirang ditiro tse di tshwanang go tlaa thusa go hema seemo sa letlhoko la dipalamo, se mo nakong e ntsi se kgonang go kgoreletsa maiteko a maphata a go thusa setshaba.
Mokhanselara wa Makalamabedi /Motopi Rre Onkhuparetse Monnaatsie o ne a supa go sa itumeleng ka ditirelo tsa botsogo tse banni ba Makalamabedi ba di bonang, a re ga di itumedise.
Rre Monnaatsie o ne gape a tshwaela ka go supa gore go bo pego e supa fa ba lephata la matlhoko a leruo ba sa kgona go fitlhelela seelo se ba neng ba se ipeetse sa go kenta leruo go baa barui ka fa mosing.
Mokhanselara wa kgaolo ya Khwee Rre Keiketile Gobotswang o ne a ngongorega gore paakanyo ya sekolo se botlana sa Khwee ga e kgotsofatse a re digalase tsa matlhabaphefo di ole.
Rre Gobotswang a re tsela ya Khwee e mo seemong se se maswe, a supa fa seemo sa yone se ka nna maswe le go feta fa dipula di kana thata.
O ne a supa matshwenyego gape ka tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso ga mmogo le tlhaelo ya barutabana.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Xere Rre Eric Semauso ene one a ngongorega ka tiego ya go dirwa ga tsela ya Xere, a supa fa go lebega rakonteraka a tlhaelelwa ke didirisiwa.
Selo se, o boletse fa se baka tlhobaelo ya gore e tlaare motlhang tiro ya go e dira e wela, boleng jwa tsela eo e bo e se jo bo itumedisang.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : phuthego ya khansele potlana
Date : 29 Nov 2020