Tshenyo ya diphaephe e a tshwenya
29 Nov 2020
Mookamedi wa khamphani ya metsi kwa Kgalagadi, Rre Kabo Maforaga, a re ba tshwenngwa ke tshenyo ya diphaephe tsa metsi e e dirwang ke badirisi go nosa leruo metsi.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Maforaga o boletse fa seemo seo se kgoreletsa phatlalatso ya metsi.
A re se se ngomolang pelo ke gore ba ba senyang ba dira jalo bosigo go sena yo o ba lemogang.
A re disinyi tseo di roba diphaephe le mafuti a a khurumeditsweng go isa metsi ka go roba dilotlele ba bo ba bula go gelela metsi, mme ba lemoge seo morago ga lebaka tshenyo e setse e diragetse.
A re Water Utilities Corporation (WUC) e leka ka gotlhe go lwantsha seemo sa letlhoko la metsi se se kwa godimo mo kgaolong eo.
A seo se dira gore maiteko a bone a retele ka ba thuba diphaephe tse di tswang ko didibeng tse di isang metsi ko ditankeng tse di tlhatswang metsi ao.
A re WUC e tlaa lemoga ka go bona go putsa-putsa metsi fa tshenyo e diragetseng teng kana ba longwa tsebe ke banni bangwe.
O tlhalositse gore ba ne ba tshwara bangwe bosheng ba gelela metsi foo, mme ba ba rolela ba sepodisi.
A re tshenyo eo e ntsi mo Kgalagadi, mme a supa jalo gore molato oo ke o o masisi ka disinyi tseo di rontsha lephata leo go dira tiro ya lone sentle, ya go phatlalatsa metsi go a isa ko badirising.
Moitseanape wa kgokagano ya metsi, Rre Benjamin Baitshenyetsi ene a re go gelela metsi mo dipompong tsa bone tsa Water Utilities Corporation le mo lelwapeng go a isa ko morakeng go nosa leruo ga go letlelelwe.
A re seo ke molato o modirisi a ka o sekelang, a tlhalosa fa bangwe ba rora metsi kana go bowser metsi a a direletsweng go nosa batho ba a nosa leruo.
Mme ba dira seo ka bokukuntshwane bosigo. Rre Baitshenyetsi a re bangwe fa ba ka tshokane ba tshwarwa ba le mo tseleng, ba tlhalosa gore ba tswa go gelela metsi ao ko Sedibeng sa morui mongwe e le maithamako fela.
Mme a tlhagisa gore fa badirisi ba ka tswelela ba dira jaana, seemo seo se tlaa dira gore letlhoko la metsi mo motseng se kekele.
A tlhalosa gape gore go dira ditshingwana tsa merogo le go jwala dithunya tse di nosiwang ka metsi a Water Utilities, ga go letlelelwe gotlhele.
Rre Baitshenyetsi o rotloeditse gore fa motho a batla go dira tshingwana ya merogo, o ka dira jalo ka go nosetsa ka metsi a pula, a beeleditsweng mo disenkeng gore a tsene mo tankeng.
A re fa modirisi a ka tshwarwa a dirisa metsi ka fa go sa tshwanelang ka teng (not for domestic use) ba semolao ba ka mo atlhola madi a a sa feteng P5 000.
O tlhalositse gore seemo sa tshoganyetso sa kiletso mesepele (State of Emergency) ntateng ya go tlhagoga ga mogare wa Corona sedirile gore bangwe ba nne boitseme go duela metsi. A tlhalosa jalo gore koporasi eo e gokeletse batho botlhe metsi ba ba neng ba kolota gore ba tle ba kgone go diragatsa go sala melao ya ba botsogo morago ya go tlhapa matsogo kgapetsa-kgapetsa.
A re ka nako e ga ba kgaolele ope metsi lentswa ba na le dikoloto tse di ko godimo, mme a rotloetsa badirisi ba metsi gore ke maikarabelo a bone gore ba tswelele ba kgaola dikoloto tsa bone tsa metsi.
A tlhalosa jalo gore le fa ba sa kgaole, sekoloto sone se tswelela ka go golela pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Posolotso
Date : 29 Nov 2020