A basimane ba rutwe ka tsa botsalano
26 Nov 2020
Makhanselara a khansele-potlana ya Maun ba re ke nako ya gore bana ba basimane ba rutwe ka tsa botsalano le bomme, ka seo se ka fokotsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Makhanselara ba ne ba akgela mo pegong ya kgokgontsho ya bong e e neng e begwa ke badiri ba ofisi ya boipelego ya Komana le Toteng ka Laboraro.
Fa a akgela, mokhanselara wa Makalamabedi, Rre Moetetsi Mogalakwe o ne a re bana ba basimane ba kgaphetswe kwa thoko fa go tla mo go rutintshiweng ka diphetogo tsa mebele ya bone le tsa botsalano.
Rre Mogalakwe o ne gape a re borre bangwe le bone ba a kgokgontshiwa jaaka dipatlisiso di supa, ka jalo a re go seka ga nna e kare kgokgontsho e ama bomme fela.
Mokhanselara wa Moeti kwa Maun, Mme Botshebokae Ramasu o ne a re go botlhokwa gore bana ba basimane ba rutintshiwe ka tsa botsalano le bomme, gore ba itse gore fa lerato le fedile ba seka ba bolaya kgotsa ba ipolaya ba tlogela bana e le masiela.
Mokhanselara wa Boyeyi, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla a re malwapa a mantsi a phatlaletse, ka batsadi ba nna kwa le kwa, e bile go lemosega fa bana bangwe ba nna ba le nosi.
A re seo se ka tswa se na le seabe mo go bakeng kgokgontsho ya bong.
Rre Kebonyekgotla o ne gape a re lefatshe leno le na le melao le ditogamaano tse di diretsweng go dibela dikgang tsa bong, mme a re sebe sa phiri ke gore melao le melawana eo ga e diragadiwe.
Ka jalo a re dikgang tsa bong di batla go lebelelwa ntlheng tsotlhe.
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Kebareeditse Ntsogotho o ne a re borre ba tshwanetse go amogela gore ga ba a rua bomme e bile bomme le bone ga ba a rua borre mme ba amogele fa botsalano bo fedile.
Rre Ntsogotho o ne gape a re melao mengwe le yone e na le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho, a supa molao wa tlhalo o o tlamang gore batho ba ka kgaogana fela morago ga dingwaga tse pedi ba nyalane. Fa a bega ka kgokgontsho, Mme Khabe Kegapileng wa ofisi ya boipelego kwa Toteng o ne a re dipatisiso di supa fa go na le borre bangwe ba ba kgokgontshiwang.
Mme Kegapilweng a re go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng ka 2018, borre bangwe ba ne ba kgokgontshiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo le tsa dititeo ntswa dipalo tse dintsi e ne e le tsa bomme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : pego ya kgokgontsho ya bong
Date : 26 Nov 2020