Dikgang tsa kgokgontsho di a tshwenya 1
26 Nov 2020
Kgosi Martha Lebang go tswa kwa Palapye a re go gola ga dikgang tsa kgokgontsho ya bong go a tshwenya, selo se a reng se tsalwa ke batsadi ba ba bipang mpa ka mabele, ka go tlhoka go bega matlhoko a.
O buile jaana kwa tshimolodisong ya malatsi a le lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho, a a lemogwang ngwaga le ngwaga go tswa ka Ngwanaatsele 25 go tsena ka Morule 10.
Khansele-potlana ya Palapye e ne e rulagantse tiro e ka Laboraro kwa Lerala, ka maiteko a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le basetsana, ka ba lemogile fa e le sekgoreletsi mo matshelong a bone e bile ba tshela ka poifo le go wa seriti.
Kgosi Lebang a re ntswa kgokgontsho e ama bomme le borre, o lemogile fa e ama bomme thata.
A re dipalo tsa kgokgontsho ya bong, dipetelelo, go tlhakanela dikobo le basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase le dikiteo di ngomola pelo.
A re dikgwetlho tse di gwetlhile khansele-potlana ya Palapye go ema ka dinao go ntsha mananeo a go lwantsha kgokgontsho.
Kgosi o ne a re go tlhoka go begele ba ba maleba ka bakgokgontshi go tsalwa ke go ja gape le gore ba tshaba go senngwa maina, ba sa kgatlhelele matshelo a bana ba basetsana a a mo diphatseng.
Modulasetilo wa khansele- potlana ya Palapye, Mme Khumoyame Lekoko o ne a re o motlotlo thata go bo ba tsere karolo ya go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, ka e le kgang e e tshwenyang lefatshe ka bophara gape e sa tlhaole ope.
Mme Lekoko a re khansele- potlana ya Palapye ga e letlelele kgokgontsho epe fela e bile ba tokafaditse methale e e nolofatsang go bega dikgang tsa kgokgontsho.
O ne a re ba bone go tshwanela go tsaya maikarabelo go lwantsha kgokgontsho ya bong, a re o dumela gore ka tswharagano ya bone le setshaba kgokgontsho e ka fela.
Motswasetlhabelo wa kgokgontsho ya bong, Mme Semakaleng Kesebonye o ne a tlhalosa ka fa a neng a tshelela mo kgokgontshong ka teng.
O ne a nyetswe mme ka go tlhoka lesego nyalo ya gagwe e ne e se bonolo ka monna wa gagwe a ne a mo kgokgontsha. A re le ntswa a ne a sa tshele sentle ga a ise a ko a begele ba molao ka a ne a rata monna wa gagwe.
Mme Kesebonye o tlhalosa fa kgokgontsho e le moloi yo o ka tshelang le ene o lemoga kana o sa lemoge, ka go swela lerato le fa rre a sena sepe.
O ne a supa fa a ne a kopa thuso kwa go matsalaagwe mme a mo akgela matsogo, selo se se neng sa mo tshedisa ka letshogo e bile a tshaba le go tsena fa gare ga batho.
Ka go babalelwa a felela a kgaogane le monna wa gagwe, a kopa dikgakololo kwa ga mmaboipelego le ba ba maleba mme a sidilega maikutlo.A re ke ka moo a kgonang go ema fa pele ga batho a bua ka kgokgontsho ka a itse manokonoko le ditlamorago tsa yone.
Mme yo o tshelang ka bogole ka lebaka la kgokgontsho, Mme Gaselemogwe Mogadingwane wa kwa Maunatlala o ne a re kgokgontsho e teng e bile e a tshela.
A re o ne a kgaogana le rre yo a neng a tshela le ene ka 2010, mme morago ga lebakanyana, a kopana le ene rre yoo amo kopa go mmona maitseboa, selo se Mme Mogadingwane a neng a sa dumalane le sone.Go ne foo a boa a mo tshosetsa matshelo, a mmuisa dipuo tsa bo gore bontle jwa gagwe bo dira gore banna ba mmone mme e bile botshelo jwa gagwe bo felela gone foo.
Fa a fetsa go bua tseo a mo tlhaba ka thipa mo letsogong le serope a bo a mo sega mpa mo mala a neng a tswela kwa ntle.
“Ke ipone ke tsoga kwa Marina morago ga malatsi e bile kwa lapeng go na le merapelo ya me go twe ke sule,” ga bua Mme Mogadingwane.
E rile go le pele, fa a amogela baeng, Kgosi Ookeditse Shaw o ne a re go boima thata mo go borre go arogana tse di tshwenyang mme o ne a gakolola borre go kopa thuso kwa bagakoloding gore ba seka ba swela kgapheng.
O tsweletse a re o dumela fa ba ya go ruta ba ba sa kgonang go tla bokopanong jo ka thuto e ba e tsereng kwa malwapeng, dintshong, manyalong, dikgotleng le kwa dikoleng tota go leka go fema sera se.
Rre Kethobogile Batsweletswe go tswa kwa lekalaneng la borre o ne a tlhalosa fa lekalana le le diretswe go gakolola borre, ka e le thebe ya basadi mo malapeng e seng go iphetola ditau mo go bone.
O ne a re mosadi ke teemane o tshwanetse go tlhokomelwa e seng go kgokgontshiwa.
Rre Batsweletse a rotloetsa borre go emisa go kgokgontsha, go nna le seabe mo kgodisong ya bana le go tlhokomela botsogo jwa bone.
O ne a re ba tlogele go itlhatlhoba ka basadi mme ba tsamae botlhe kwa dikokelwaneng go ya go itse seemo sa bone sa mogare wa HIV. BOPA
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : LERALA
Event : Tshimolodisong ya malatsi a le lesome le borataro
Date : 26 Nov 2020