Tautona Masisi o tshedisa lelapa la ga Rasebotsa
26 Nov 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhalositse fa leso la ga Rre Edward Rasebotsa e se tatlhegelo ya ba lwapa la gagwe fela, mme e le ya lefatshe lotlhe ka a nnile le seabe mo go bopeng setshaba sa Botswana ka ditiro tsa gagwe.
O buile jaana ka Labone jaaka a ne a gomotsa ba lwapa la ga Rre Rasebotsa yo o tlhokafetseng Ngwanaatsele a le 23 a le dingwaga tse 84.
Tautona Masisi o supile fa a amogetse dikgang tsa leso la ga Rre Rasebotsa ka kgakgamalo, a tlhalosa fa moswi e ne e le motho yo o botlhokwa thata mo setshabeng, ka a diretse lefatshe la Botswana gammogo le mafatshe a mangwe.
Tautona Masisi o ne a kgothatsa ba lelwapa go ikokotlela ka Modimo le tumelo, a re ba gakologelwe seabe se Rre Rasebotsa a se dirileng mo go bopeng le go kopanya setshaba ka ditiro tsa gagwe di tshwana le tsa borutabana le tsa merero ya mafatshe a sele.
Dr Rasebotswa yo o neng a setse a tlogetse tiro ka bogodi, o dirile go le gontsi mo mererong ya tsa thuto, o kile a nna mogokgo wa sekole se segolwane sa Naledi le sa Gaborone. Fa a sena go tlogela tiro ka bogodi o ne a nna mookamedi wa sekole sa St Joseph’s College.
O kile a nna moemedi wa Botswana kwa Zambia le go tshegetsa maemo a mangwe mo ofising ya ga Tautona. O ne a tlhalosa fa tiro ya ga Rre Rasebotsa mo setshabeng e tlotlomadiwa ka jaana o ne a bopaganya setshaba.
Fa a lekodisa Tautona ka botsogo jwa moswi, moemedi wa lesika, Mme Sethunya Mosiemang o ne a supa fa Rre Rasebotsa a ne a le matlhagatlhaga a rata go nna a ikatisa e bile a nna a dira ditlhatlhobo tsa ngwaga tsa botsogo.
Mme Mosiemang o tlhalositse gore mo malatsing a a fetileng pele ga leso la gagwe, Rre Rasebotsa o ne a ikaya fa a na le letsapanyana, mme a wa fela.
Dithulaganyo tsa phitlho ya ga Rre Rasebotsa ga di ise di wele ka jaana ba lelwapa ba ise ba kopane botlhe, mme o tlaa bolokwa mo Gaborone kwa mabitleng a Phomolong.
Rre Rasebotsa o tlogela mohumagadi le bana ba le babedi, monna le mosetsana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Gaborone
Event : Matshediso
Date : 26 Nov 2020