Breaking News

Ba lela ka bonya jwa ditlhabololo

25 Nov 2020

Makhanselara a khansele potlana ya Serowe ba re ga ba itumedisiwe ke ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente tse ba bolelang fa di le bonya e bile di tlaa felela di ba rontsha ditlhabololo tse di ka bong di le mo dikgaolwaneng tsa bone.

Makhanselara ba buile jaana  morago ga pego ya modiri wa ditogamaano tsa itsholelo, Mme Dimpho Mokgati yo o neng a ba begela ka ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele ka Labobedi.

Ba supile fa khansele-potlana ya Serowe e le boitseme mo go tsibogeleng ditlhabololo tsa dikgaolwana tsa bone ntswa madi a tsone a le teng.

Makhanselara ba re fela jaaka dikgaolo tse dingwe, batlhophi ba na le tshwanelo ya go akola ditlhabololo tse ba neng ba supa fa ba di batla, mme jaanong ba supa fa tiego e, e baya dikgaolwana ka fa mosing.   

Mokhanselara wa kgaolwana ya Motetshwane Rre Robert Mariba a re gantsi mo dipegong tsa bone tsa ditlhabololo tsa dikgaolo tsa mapalamente khansele-potlana ya Serowe e supa fa ditlhabololo dingwe di ile go sekasekwa mme go tsee lobaka ba ntse ba ntsha pego eo go fitlhelela ngwaga o wela.

Rre Mariba a re se, se supa bokoa mo boeteledipeleng jwa khansele-potlana, ka jalo modulasetilo wa khansele- potlana, Rre Lesedi Phuthego le mothusi wa gagwe ba tshwanetse ba tsibogele dikgang tse go ise go ye kgakala.

Mokhanselara wa Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhi o ne a fa sekai ka dikhansele-potlana tsa kgaolo ya Legare, a supa fa di tsweletse sentle fa khansele- potlana ya Serowe yone e saletse kwa morago, a ba kopa go tsaya malebela mo go ba bangwe.

A re tsela e e yang kwa lebaleng la metshameko la Serowe le e e yang kwa sekoleng se sebotlana sa Mannathoko mo Serowe ga di ise di simolole go dirwa ntswa madi a tsone a le teng mme seo se tshwanetse sa tsibogelwa.   

Rre Molefhi o ne  a tlhalosa fa ditlhabololo dingwe tse ba neng ba sa bolo go di kopa di tshwana le go baakanngwa ga matlwana a boitiketso a a seng mo seemong se se itumedisang kwa dikoleng, go ne ga diragala ka ponyo ya leitlho, a supa fa a lebogela gore ditlhabololo tseo di ne tsa dirwa ntswa di dirilwe ka nako ya go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19.

A re fa go ne go ka tsibogelwa go dira ditlhabololo fela jaaka ka nako ya go sena go tlhagoga bolwetse jwa COVID-19, lefatshe leno le ne le tlaa tlhabologa.

Rre Molefhi le ene fela jaaka bontsi jwa makhanselara o ne a supa fa a batla gore ditlhabololo tsotlhe di fele ka nako.

Mokhanselara wa Palamaokuwe, Rre Gaotilwe Omphile o ne a kopa khansele- potlana ya Serowe go sekaseka kgang ya go fetola badiri ba khansele kgapetsakgapetsa.

A re kgang ya go fetola badiri ba khansele e na le seabe se setona mo go dieng ditlhabololo ka modiri yo o tlang a tsaya nako a fiwa tsela ya gore go ntse go dirwa eng mo ofising e a tlang mo go yone.

Rre Omphile o ne gape a kopa gore go sekasekwe madi a a dirisiwang go baya matlo mo seemong se se siameng.

A re matlo mangwe a baakanngwa ka madi a mantsi mme a dirwa dipaakanyo tse dinnye.  

O ne a fa sekai ka matlo mangwe kwa kgaolong ya gagwe a LA2, a a boletseng fa a ne a dirwa dipaakanyo tse e seng tsa sepe mme a lopa P100 000 nngwe le nngwe.

O ne gape a kopa bodiredi jwa khansele go dira ka thata go tsibogela dingwe tse di saletseng kwa morago di tshwana le go gokelwa ga motlakase mo dikgotleng tse a bolelang di sale di kopilwe ka 2017/2018 mme go sena tswelelopele.

Le fa go ntse jalo, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, Rre Bernard Kenosi yo e bileng gape e le mokhanselara wa Malatswae o ne a supa fa boeteledipele jwa khansele bo tshwanetse jwa itebaganya le bothata jwa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago ka bo le teng e bile bo bonala.

O ne a supa fa a tlaa kopana le bodiredi jwa khansele jo bo itebagantseng le ditlhabololo go ba fa maele a gore ba ka dira jang gore ditlhabololo di tswelele ntswa e se tiro ya gagwe go dira jalo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : phuthego ya khansele

Date : 25 Nov 2020