A ba-tlhoka kutlo ba thusiwe - Mogolwane
24 Nov 2020
Mogokaganyi wa lekgotla la Botswana Association for the Deaf (BOAD) Rre Fredrick Kololo a re ba tshwentswe ke dipalo tse di ileng magoletsa tsa kgokgontsho mo batlhoka kutlong fa e sale go tlhagoga mogare wa COVID-19.
O buile jaana mo potsolosong bosheng, fa a ne a lekodisa ka seemo sa kgokgontsho mo batlhoka kutlong.
Rre Kololo o tlhalositse fa kgokgontsho e akaretsa go tlhakanela dikobo le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga, go sa iseng bana ba ba tlhokang kutlo dikoleng, ka dikole tse dingwe di sena baranodi ba puo ya diatla.
O supile fa dikgang tseo di setse di begetswe mapodisi.
Rre Kololo o buile fa mo nakong ya kiletso mesepele ba begetswe kgang kwa Mabutsane e e amang rre wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi yo o ntseng a dirisa ngwana wa dingwaga tse lesome le boferabongwe.
A re mo go e nngwe, ngwana wa mosetsana kwa Molepolole o rontshitswe tshwanelo ya go tsena sekole.
“Dilo tse ke tsone tse di feletsang di gogela ngwana go dirisiwa mo tlhakanelong dikobo ka a le mmotlana e bile a sena maikarabelo.
Rre Kololo o supile fa lehuma kana letlhoko la madi mo malwapeng e le yone konokono ya kgogedi ya gore bana ba batlhoka kutlo ba iphitlhele ba dirisiwa ke banna e le ka tumalano kana ntle le tumalano.
O buile fa lekgotla la bone la BOAD le thusitse mme mongwe wa motlhoka kutlo e bile gape a tshela ka mogare kwa Tlokweng.
Ba ne ba mo thusa ka dijo le tse a di tlhokang ka nako ya kiletso mesepele ya ntlha e e tsereng sebaka sa kgwedi.
Go rotloetsa tlhokomelo ya bana ba batlhoka kutlo, Rre Kololo a re ba ne ba thusa motsadi mongwe yo o neng a direla kwa Maun, go hudusediwa kwa Francistown, go nna gaufi le ngwana gore a kgone go mo tlhokomela sentle.
A re ntswa ngwana yo a tsena kwa sekoleng sa BOAD kwa Francistown, seabe sa batsadi se botlhokwa mo kgaolong ya bana ba.
O supile fa batlhoka kutlo ba na le bokgoni go tlhokafala gore puso e tle ka maneneo a a ka ba thusang go ya dikoleng fela jaaka ba bangwe.
Rre Kololo o supile fa puso e tshwanetse ya tsenya letsogo mo thutong ya batlhoka kutlo ka go tsenya baranodi ba puo ya diatla mo dikoleng tsotlhe tsa puso e le go thusa gore bana ba batlhoka kutlo ba kgone go tsena dikole.
A re lekgotla la bone le na le dikole tsa batlhoka kutlo di le tharo mo Botswana otlhe, kwa Francistown, Ramotswa le Maun mme go sa lekana go ka thusa bana botlhe.
O supile fa go tlhoka baranodi ba puo ya diatla mo diofising tsa puso jaaka sepodisi go baya batlhoka kutlo ka fa mosing ga ba setse ba tlhoka thuso.
Rre Kololo o kopile le diofisi tse di ikemetseng go rotloetsega go nna le baranodi ba puo ya diatla go fefosa go thusa batlhoka kutlo.
O supile fa ba setse ba dirile molao kakanyetso oo itebagantseng le batlhoka kutlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Lephogole
Location : GABORONE
Event : potsolotso
Date : 24 Nov 2020