Mapodisi a mo patlong ya mma losea
24 Nov 2020
Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa kgang e mo go yone mmelaelwa mo kgannyeng ya go senya boimana, a bo a latlhela serepa sa losea loo mo petseng kwa Lehututu bosheng.
Mo puisanyong mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e le lesome le bosupa, morago ga gore rre mongwe a fitlhele mase a kokometse, ka nako e a neng a ile go lekola petse ya gagwe.
A re rre yoo, o ne a tlhaba mokgosi kwa motseng, mme ka thuso ya mapodisi ba feta ba kgona go ntsha serepa sa losea loo, mme sa isiwa kwa kokelong go ka tlhatlhojwa ke dingaka.
Supt Jorowe a re ditlhatlhobo tsa dingaka di ne tsa supa fa e le boammaaruri e le losea lo go neng go belaesega e le lwa boimana jo bo ka tshwarang dikgwedi tse thataro go ya kwa go tse supa, gape ba bongaka ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
A re serepa seo, se ne sa tshujwa ka jaana se ne se setse se senyegile.
Supt Jorowe o boletse fa tiragalo eo, e le ya bobedi ya mofuta oo go diragala mo kgaolong ya bone, a supa fa tiragalo ya ntlha e ne ya begwa kwa Tshane, kgwedi e e fetileng. O ne a kopa setshaba go tshwaraganela dikgang tsa borukutlhi le ba molao, ka go ba loma tsebe, a tlatsa ka go re ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo, mme ditlhotlhomiso di tsweletse.
Mo go tse dingwe, Supt Jorowe a re ga ba robadiwe ke dikgang tsa kgokgontsho ya bomme le bana mo Kgalagadi Bokone.
O supile fa go tswa mo tshimologong ya ngwaga ono, go fitlha Lwetse, ba gatisitse dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi di le masome mabedi, wa go thubetsa di le nne, wa matshosetsi a polao di le lesome, wa go senya boimana di le pedi, mme wa go dirisa ba ba sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong di le pedi.
Supt Jorowe a re dipalo tseo di kwa godimo, mme e bile di a tlhobaetsa O ne a tlhalosa gore maloma tseba a sireleditswe ka fa molaong, ka jalo, batho ba seka ba ipona tsapa go thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : LEHUTUTU
Event : potsolotso
Date : 24 Nov 2020