Maphata a isa ditirelo kwa metseng
24 Nov 2020
E rile bosheng maphata a puso ka go farologana go tswa kwa Tsabong, a isa ditirelo tsa one kwa Vaalhoek go fokoletsa banni mosepele.
Moemedi wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Robert Kwantle a re go botlhokwa go isa ditirelo kwa merafeng e e nnang kgakala le tsone.
Rre Kwantle a re go fitlhelela maitlamo a tebelopele ya 2036, go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a anywe ditlamelo tsa puso gongwe le gongwe kwa a leng teng.
A re ke ka moo ofisi ya ga molaodi e neng ya rulaganya gore maphata otlhe a puso go tswa kwa Tsabong, a ise ditirelo kwa Vaalhoek le metse e e mabapi.
Ba Omang, bong, temo-thuo, metsi, LEA, Legal Aid Botswana, dikgolegelo, motlakase, nyeletso lehuma, kabo ya lefatshe, boipelego, ba diphologolo makgabisa naga, botsogo, tlhokomelo ya phulo le di-tsa tlholego le ba khansele ba ne ba tswa letsholo go isa ditirelo kwa Vaalhoek.
Mo potsolotsong, modiri mo lephateng la tshomarelo ditsatlholego le dikgwa, Rre Joseph Lesenya o tlhalositse fa thulaganyo eo e ba thusitse go isa ditirelo tsa bone kwa Batswaneng, gore ba itse se lephata le se dirang.
O tlhalositse gape gore lephata leo le na le karolo e e amanang le dipolasi, ka jalo, go na le ka fa ba thusanyang le ba lephata la temo- thuo teng ka dipolasi.
Rre Lesenya o tlhalositse gape gore go na le dipatlisiso dingwe tse ba di dirang mo Kgalagadi Borwa ka majang mangwe, motlopi, le setlhatshana sa sexanana.
O tlhalositse gore mo motloping, lephata leo le dira dipatlisiso tsa gore a ditlhare di lekane, gore a motlopi o ka lengwa ka go na le bangwe ba ba gwebang ka one, gore o se ka wa nyelela mo isagong.
Moanamisa mofoko wa kabo ditsha, Rre Phillip Moswete ene o tlhalositse fa ba ne ba isitse ofisi ya kabo ditsha kwa Vaalhoek gore batho ba tlatse difomo tsa ikopelo ditsha tsa masimo le tsa malwapa, go fetolela lefatshe kwa maineng mangwe, go kwadisa ditsha le go neela banni ditlankana.
Rre Kagiso Lekang go tswa kwa Legal Aid Botswana a re ba ne ba tsere monyetla oo go ikitsise morafe le go isa ditlamelo koo, ka gore lephata leo le lesha kwa Tsabong, mme Batswana ba tshwanetse go rutwa ka lone, le go rotloediwa go le dirisa.
A re lephata leo le emela Batswana mo dikgannyeng tse di farologanyeng jaaka tsa malwapa, tlhokomelo ya bana, go dira moalo wa boswa, dikgang tsa mhiri le mmereki, dikoloto le tshenyo ya dithoto.
O gateletse gore lephata leo, le rotloetsa thata gore ntwa kgolo ke ya molomo, mme le sokametse thata ka fa go letetlanyeng, gore dikgang di seka tsa isiwa kwa makgotleng a ditsheko ka go le turu.
O tlhalositse gape gore lephata leo le thusa fa go dirwa ditumalano ka go tshwanetswe ga salwa molao morago morago, gore di nne le boleng.
Fa a leboga, kgosana wa Vaalhoek, Rre Paul Bock o iteetse puso legofi go bo e bone go tshwanela go ba lemoga e le metse e e kgakala le ditlamelo.
A re go tsisa ditirelo tsa maphata a a farologanyeng kwa motseng oo go tlaa thusa go tokafatsa matshelo a batho.
O tlhalositse gape gore seo se tlaa ba thusa go boloka madi a mosepele le nako e ntsi e batho ba e dirisang go ya go kopa ditlamelo kwa Middlepits le Tsabong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : VAALHOEK
Event : bokopano
Date : 24 Nov 2020