Breaking News

Baikopanyi ba thusa badiragatsi

24 Nov 2020

University ya Botswana ka tshwaragano ka Infers Group le Dialogue Group e simolotse lenaneo le le tlaa itebaganyang le botsogo jwa tlhaloganyo mo badiragatsing.

Fa a bua kwa tshimolodisong ya lenaneo le le bidiwang Hearts Strings and Hearts Beats ka Labotlhano mo Gaborone, mookamedi wa lekalana la dithuto tsa botsogo kwa Mmadikolo Professor Oatlhokwa Nkomazana o boletse fa mathata a botsogo jwa tlhaloganyo a ama batho botlhe .

A re go gontsi mo go tshwanetseng go dirwa go rarabolola mathata a botsogo jwa tlhaloganyo, a a setseng a amile batho go dirisiwa dipatlisiso le ditlhamo. 

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa Infers Group, Rre Abraham Mamela o boletse fa karolo ya ntlha ya lenaneo la bone, e tlaa itebaganya le go tsisa botsalano fa gare ga baopedi ba mono le ba Denmark, le  go rotloetsa tharabololo ya dikgang tsa botsogo jwa tlhaloganyo mo badiragatsing.

Rre Mamela a re seo se tlaa dirwa mo letsholong la go tsibosa  le go ruta setshaba ga mmogo le go dira dipatlisiso. 

O ne a tlhalosa fa karolo ya bobedi e tlaa phutha ba-na-le seabe go tswa ka ditharabololo tsa go itepatepanya le botsogo jwa tlhaloganyo mo badiragatsing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Tshimolodiso ya Hearts Strings and Hearts Beats

Date : 24 Nov 2020