Water utilities e dumela mo therisanyong
24 Nov 2020
Mogolwane wa Water Utilities Corporation (WUC) mo Serowe, Mme Dothodzo Chalashika a re koporase eo e dumela mo therisanyong.
O buile jaana ka Laboraro fa ba ne ba lekodisa magosi le makhanselara a Serowe le metse e e mabapi ka ditirelo tsa bone ga mmogo le ka maiteko a bone a go atolosa ditirelo tse badirisi ba metsi ba tlaa simololang go di bona kwa ofising ya bone e e kwa marekisetsong a Boiteko kwa Serowe mo nakong e e seng kgakala.
Mme Chalashika a re e tlaa re Sedimonthole e rogwa, ofisi ya WUC e e kwa marekisetsong a Boiteko e simolole go thusa ka ditirelo tsotlhe tse di ntseng di ntshiwa ke ofisi e kgolo kwa Serowe, a supa fa mo nakong eno ofisi potlana e e kwa Boiteko e ne e itebagantse fela le go amogela dituelo tsa tiriso ya metsi.
Mogolwane yoo o kaile gape fa koporase jaanong e na le modiri yo o lebaganeng le dingongorego tsa setshaba ka kakaretso ga mmogo le dikgang tsa ikopelo go gokelelwa metsi mo digotlong.
E rile a ba lekodisa ka seemo sa metsi mo motseng, modiri yo mongwe wa WUC, Rre Morris Mpotsang o ne a supa gore Serowe o ntse a na le kgwetlho ya letlhoko la metsi mo malatsing a a sa tswang go feta mme a supa fa seo se ne se bakwa ke go thubega ga diphaephe.
O ne a tlhalosa fa koporase e kgonne go baakanya diphaephe tseo mme seemo jaanong se boetse mo taolong.
Rre Mpotsang o ne a supa fa WUC e mekamekane le kgang ya go atolosa phatlalatso ya metsi kwa Serowe le metse e e mabapi ka go oketsa ditanka.
A re ba setse ba kgonne go tsenya ditanka kwa Mogorosi, Mabeleapodi le Dimajwe mme a re tsholofelo ke gore ditanka tseo di tlaa kgona go nosa metse eo.
Bagolwane bao ba WUC ba ne ba bontsha bogogi ditlhomo tsa boleele jwa dimmithara di le lesome le botlhano tse ditanka tsa metsi di tlaa tlhongwang mo go tsone, tse Rre Mpotsang a boletseng fa boleele jwa tsone bo tlaa thusa go tlhomamisa gore metsi a kgona go fologela mo motseng otlhe sentle.
Mokhanselara wa Moiyabana, Rre Orakanye Phirinyane ene o ne a supa fa a itumelela tiro ya go tsenya tanka mo motseng wa bone.
O ne a lebogela tanka eo ka e le tona, ka jalo e tlaa kgona go nosa motse otlhe a bo a itumelela le gore e beilwe fa gare ga motse.
Rre Orakanyeng o bile a supa fa tanka eo e tlaa fokotsa letlhoko a metsi mo motseng le go dira pharologanyo fa motlakase o kgaogile ka go tlhomamisa fa banni ba bona metsi fa go santse go sa kgonege go a pompa ka nako ya kgaogo ya motlakase.
Fa bogogi bo ile go bontshiwa tanka e nngwe e e dirwang kwa kgotleng ya Mannathoko kwa Serowe, mokhanselara wa Tidimalo Rre Solomon Dikgang o ne a lebogela maiteko a puso a go phatlhalatsa metsi kwa Serowe mme a kopa banni go nna le tirisano mmogo le mong wa konteraka yo o gokelang diphaepe tsa tokafatso phatlalatso ya metsi gore tiro e dirwe ka tshosologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : tekodiso
Date : 24 Nov 2020