Ba Sasakwe ba kopa go lemogwa jaaka motse
24 Nov 2020
Banni ba masimo a Sasakwe ba ikuetse mo bogoging jwa Mokwena go fefogela go dira tse di tshwanetseng gore lefelo leo le fetoge go nna motse o o ikemetseng, selo se se ka tlhabololang kgaolwana ya bone.
Ba buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulaestilo wa kgaolo potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Allen Jacob bosheng. Banni ba ne ba supa fa go dira e le kgotlana ya Kopong go ba beile ka fa mosing le go ba rontsha go tlhabologa ka jaana ba Kopong ba gogela kobo letlhakoreng la bone.
Rre Diseke Ntime o ne a supa ka monwana ba kabo ditsha gore ba ba kgoreletsa go tlhabologa ka go tlhoka go baya ditsha, mo ba reng go dirwa ke thulaganyo e e motsopodia ya ba kabo ditsha.
Rre Ntime a re ba tshwenngwa ke gore tiego ya go aba lefatshe kwa kgaolong eo, e ya go ama thata thulaganyo ya palo batho e a dumelang e ya go simolola dipeo di saletse morago, mme seo se ame kgolo ya dipalo tsa batho ba Sasakwe.
“Ke tshwenngwa ke go dirwa ga dilo ka tshokamo ke ba lekgotla la Lentsweletau la kabo ditsha ka tiego ya dipeo go tswa ka 2014, le mororo re itemogela thulaganyo e e tsweletseng ka bokukuntshwane ya dipeo mo gare ga motse wa rona,” ga tlhalosa Rre Ntime.
Mofoko ao a ne a iteelwa kobo moroko ke moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Moabi Segonota, ka go supa ka monwana komiti ya VDC ya Kopong gore e ba ikgatholositse le go tlhoka tirisanyo mmogo mo dikgannyeng tsa go tlhabolola Sasakwe.
Mme Tikologo Piet o ne a supa fa VDC ya Kopong e sena thulaganyo ya go abela ba Sasakwe seabe sepe sa go thusa go tlhabolola lefelo leo, ka go supa fa ba ikgagapelela le tsone dithoto tse kgaolwana eo e neng e di ikgobokanyeditse.
Rre Jacob mo diphuthegong tsa gagwe o tsweletse ka go kgothatsa borre go itharabologelwa le go itshekatsheka, go leka go busetsa serodumo sa bone, ka go fetola mekgwa e ba kaegang ka yone ya go tlhoka boikarabelo.
Mangwe a matshwenyego a ga modulasetilo ke a seemo sa tikologo e e leswe, ka ntlha ya gore bangwe ba ba tlhaelang boikarabelo le go tlhoka go itlotla, ba latlhela leswe gongwe le gongwe. Modulasetilo o kopile banni ba Sasakwe, Hatsalatladi le Mogonono, go monela marulana pele mme ba tswe ka mananeo a ba eletsang go tlhabolola metse ya bone ka one ka thulaganyo ya Ipelegeng e mo nakong eno e yang go fetola selebego ka go itebaganya le dikago.
Mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane, a re ntswa maiteko a go tlhalobologa ga masimo a Sasakwe go nna motse a itshupa, seemo seo se ka fetolwa fela ke kgolo ya dipalo tse e leng tsone konokono go tlhomamisa lefelo go nna motse.
“A re tsee kgang ya palo batho ka tlhoafalo go netefatsa gore re obamela tse di tlhokwang ke thulaganyo eo, ka kitso ya gore go tlhaela ga dipalo go ka rontsha mafelo tshwanelo ya go tlhomamisiwa go nna metse lobaka lwa dingwaga tse di seng ka fa tlase ga lesome,”ga gakolola Rre Kgabanyane.
Rre Modise Bogatsu o ne a kopa gore thuto e tlhoafalelwe go thusa go aga tshaba e e nang le boikarabelo. A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go jwelelela ka ntlha ya botlhoka kitso, ka jaana ba ba maleba ba sa dire mo go lekaneng go ruta setshaba.
Kwa Hatsalatladi, Kgosi Saki Gabanamotse o ne a re o tshwentswe ke selebego sa kokelwana ya motse e a tlhalosang e sa fetole selebego, seemo se a reng se ka ama thata go ntshiwa ga ditirelo ka bodiredi jo bo kgobegileng marapo.
Matshwenyego magolo a banni ba Hatsalatladi e ne e le a baruti ba dikereke ka go kopa tshekatsheko ya dipalo tsa dikereke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : SASAKWE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 24 Nov 2020