Kgokgontsho e tsere phekelo e sele
22 Nov 2020
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Boteti, Rre Ewetse Selelo a re kgokgontsho e tsere phekelo e sele mo kgaolong eo.
Rre Selelo o buile jalo fa a simolodisa thuto-puisanyo ya ya dikomiti tsa kgokgontsho ya bong e e neng e tshwaretswe kwa Mokubilo ka Mosupologo.
Rre Selelo a re kgaolo ya Boteti ke makgatlhanela thapong mme e bile e na le batho ba ba farologanyeng ba a tlhalositseng fa bangwe ba bone e le ba ba tsileng majako kwa meepong.
A re seemo se ke sone se se bakang gore kgaolo e nne le dipalo tse di kwa godimo tsa kgokgontsho ka mefuta.
Molaodi a re dipalo tse di golang tsa kgokgontsho di a tshwenya, ka jalo a bolela fa nako e tsile ya gore mongwe le mongwe a eme ka dinao go lwantsha seemo se.
A re dikgang tsa dipetelelo le tiriso bana botlhatshwa mo go tsa tlhakanelo dikobo di a tshwenya ka di ama maikutlo a motho mme e bile di baya batho mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le go ima mo go sa rulaganyediwang.
Mogolwane wa lephata la Bong, Rre Thabo Ogotseng a re e ne e le maikaelelo a thuto-puisanyo go leka go lemoga dilo tse di bakang kgokgontsho jaaka ditsamaiso tsa mo malwapeng.
Rre Ogotseng a re thuto-puisanyo e ne rulaganyeditswe go leka go hema le go lemoga mekgwa ya ngwao e e rotloetsang kgokgontsho gammogo le go ruta setshaba ka mefuta ya kgokgontsho.
Sergeant Ogomoditse Molema wa lekkalana la kgokgontsho o ne a bolela fa dikgang tsa kgokgontsho di le masisi mme mapodisi a dira ka gotlhe go leka go di rarabolola ka fa go tshwanetseng ka nako tsotlhe.
A re e le mapodisi ba lemogile fa kgokgontsho e tlhotlhelediwa ke dilo di tshwana le tiriso botlhatshwa ya ditagi e a boletseng e le kwa godimo mo lefatsheng leno.
Rre Molema a re go baka loso go tsisa bohutsana le tshotlego mo go ba ba salang bogolo jang fa ba ne ba ikaegile ka moswi.
O ne a gwetlha batsenelela thuto-puisanyo gore ba bue le bana ka kgokgontsho ba bo ba ba lemotshe mefuta yotlhe ya yone le di-tla morago.
Sergeant Molema a re molao o a diragadiwa le dikatlholo di teng tsa melato ya kgokgontsho ka go farologana ga yone.
A re lefatshe ka bophara le lela ka kgokgontsho ya bong, ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo jwa go bua ka yone le go e lwantsha ka dinako tsotlhe.
Tautona wa lekgotla la Mokwatla wa Bomme, Mme Gosego Mmolawa o ne a bolela fa kgokgontsho e bakwa gape ke mekgwa ya kgodiso le tiriso puo mo malwapeng.
A re keletso ya lekgotla le a le eteletseng pele ke gore go seka ga nna le kgokgontsho gope fela, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse a tsaya boikarabelo .
A re nako e tsile ya gore bomme ba itse fa ba na le bokgoni jwa go ikemela, ba tlogele go ikaega fela ka borre. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOKUBILO
Event : Thuto puisano
Date : 22 Nov 2020