Breaking News

Terena ya dithoto e ole

22 Nov 2020

Mapodisi a Dukwi a tlhomamisa fa terena e e rwalang dithoto e ole morago ga gore matoroko a matlhano a fapoge seporo. 

Mogolwane wa mapodisi a Dukwi, Superintendent Howard Modo o boleletse BOPA fa ba lemogile ka tiragalo eo ka go e bona e anamisitswe mo maranyaneng a facebook.

Superintendent Modo a re ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo gaufi le Mosetse ka Labone maitseboa, kwa ba fitlhetseng terena eo e ole, go lebega matoroko a matlhano a ne a fapogile seporo.

Go ya ka moanamisa mafoko wa BR, Rre Sakaeyo Baitshepi, terena eo e ne e golegile matoroko a le masome a mararo le borataro a rwele molora wa magala go tswa kwa moepong wa Botash go ya kwa Francistown. 

O tlhalositse fa go amegile matoroko a le lesome le borataro mme a le masome a mabedi a ne a seka a  amega. 

A re ga go na ope yo o boneng dikgobalo mo tiragalong eo. 

Rre Baitshepi a re ditlhotlhomiso di tsweletse go sekaseka se se bakileng kotsi, mme ba tsweletse ka lenaneo la go busetsa seemo mo maemong BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : potsolotso

Date : 22 Nov 2020