Breaking News

Borre ba gakololwa go sireletsa bomme

22 Nov 2020

Moruti Kotloemang Matswiri wa lekgotla la baruti kwa Makopong o kopile borre go ikatametsa mo lefokong la Modimo ka e le lone botshabelo go batlela mewa ya bone kagiso.

A re seo se ka ba thusa go ikgapha mo go tsotlhe tse di bosula e bile di sa amogelesege mo setshabeng. O ne a gwetlha borre go ya dikerekeng ka seo se ka tsisa phetogo mo ditlhaloganyong tsa bone ka lefoko la Modimo e le lone le le ka ba agang le go ba sidila maikutlo.

A re gantsi borre ba goga dinao go ya dikerekeng. 

Mothusa mookamela mapodisi a Werda, Assistant Superintendent  Joel Sebotho o gakolotse borre go emisa mokgwa wa go kgokgontsha bomme mme ba ba sireletse le go ba babalela ka dinako tsotlhe ka e le bone ditlhogo tsa malwapa. 

Assistant Supurintendent Sebotho o buile jaana mo letsatsing la mafatshefatshe la boree le le neng le rulagantswe ke ba lekgotla la baruti kwa Makopong bosheng. O boletse fa borre mo nakong eno ba sa tlhole ba tshepafala mo setshabeng ka ba iphetotse bakgokgontshi mo go bomme go na le go ba babalela.

A re go tswa bogologolo bomme ba ba mo manyalong ba ne ba godisa bomonnaabone ba basetsana mme go sena tlhobaelo epe ya gore banna ba ba bone ba meletsa mathe go ratana le bone. 

Superintendent Sebotho a re mapodisi ba tshwenngwa ke dikgang tsa borukutlhi tse di kekelang mo kgaolong ya bone tse gantsi di dirwang ke borre; di akaretsa bogodu jwa loruo, dipetelelo, kgokgontsho ya bomme le basetsanyana, tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le go tshosetsa go bolaya. 

O ne a supa fa ba gatisitse dikgang di le masome a matlhano le botlhano tsa kgokgontsho le tsa bogodu jwa loruo di le masome a mabedi le borataro tse dingwe tsa tsone mapodisi ba santseng ba di tlhotlhomisa. 

O ne a gwetlha borre le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao mme ba bue ka lentswe le le lengwe go fedisa borukutlhi, le go ba kopa go emisa mafoko a gore ‘ga di nkame’ le gore ba ithute go tshwaragana, le go bopa dikomiti tsa barui le lenaneo la ntebela ke go lebele kwa merakeng. 

Fa a bua ka maikalelelo a letsatsi leo, molomaganya ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa Mme Cathrine Molomo o ne a tlhalosa fa e le go lemoga borre fa e le bagaka go tsisa diphetogo tse di ba agang mo metseng e ba leng mo go yone. 

O ne a supa fa gape e le go ikemela ka dinalo go tsisa pharologanyo le gone go itsaya motlhala kwa ba tswang teng. 

A re le bone e le borre ba na le tshwanelo ya go nna le botsogo jo bo siamemg mo tlhaloganyong le gone go iketla mo moweng.

A re seo se ka ba thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : TSABONG

Event : bokopano

Date : 22 Nov 2020