Itiseng mo magodung
22 Nov 2020
Mogolwane wa Botswana Real Estate Advisory Council, Rre Michael Tumagole o gakolotse Batswana go nna podi matseba mabapi le dilalome tse di reng di rekisa matlo kana ditsha ntswa ba sena tsone.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Tumagole a re ba itemogetse gore go na le bangwe ba ba reng ba rekisa ditsha le matlo mme maikaelelo a le go tsietsa, ka batho ba go nna jalo ba sa letlelelwa ka fa molaong go dira tiro eo.
O ne a tlhalosa gore batho bao ba tsietsa setshaba, ka ba tsaya madi kwa le kwa ba rekisa ditsha le masimo a le mangwefela, mme morago ba tsene ka lenga la seloko.
Rre Tumagole a re tsietso ya go nna jalo, e diragala thata mo ditoropong le mafelo mangwe a a bapileng le metse-setoropo, kwa batho gantsi ba batlang bonno kgotsa go reka matlo, le go reka ditsha tsa masimo.
O ne a tlhalosa fa lekgotla la Real Estate Advisory Council le amogela batho ba ba tlang go ikuela kwa go lone ba ka nna lesome go ya kwa go masome a matlhano mo kgweding, ba itela fa ba tsieditswe.
A re dilalome tseo, tse di ipayang o ka re di rekisa kgotsa go hirisa matlo, di dirisa maranyane go ipapatsa, a tlatsa ka go re bangwe ba ipapatsa mo dipampiring tsa dikgang le mafelo a marekisetso, maemelo a dibase.
Rre Tumagole a re ka fa tsamaisong, ope fela yo o dirang tiro ya go rekisa ditsha kgotsa ntlo, o tshwanetse go nna le teseletso ka go ikwadisa ka fa molaong.
O ne a tlhalosa fa Motswana a tshwanetse gore pele ga a wela mo seraing sa tsietso, a kope go bona teseletso ya go dira kgwebo ya go rekisa setsha kgotsa go hirisa bonno.
A re ba e seng bone, ba ka lemogwa ka go batla go potlakela thekiso kgotsa go hirisa, mme ba tsenye yo o batlang go reka mo pitlaganong, ba tlhalosa fa ntlo kgotsa setsha se batlwa ke matshwititshwiti a batho, ka moo ba ba lope go potlakela go ntsha madi a peeletso.
A re manweenwee ao, gantsi ba direla ditiro tsa bone koo, kana mo koloing go sena ofisi, mme motho wa teng a tla a tshotse sengwe le sengwe nako e le nngwefela gore ba dire ba fetse, madi a tswe.
A re morago ga go tsaya madi, ba solofetsa dikgolo, mme e be e le jaaka ba ile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : potsolotso
Date : 22 Nov 2020