Breaking News

Lekoko le wetsa thomo kwa Chobe

22 Nov 2020

Lekoko  le le neng le rumilwe ke tautona Dr Mokgweetsi Masisi go rerisana le banni ba Chobe mabapi le tiragalo ya bosheng e mo go yone masole a Botswana a neng a thuntsha banna ba le bane kwa Kasane le weditse tiro  ya  diphuthego tsa kgotla kwa Kazungula le Plateau.

Moetelepedi wa lekoko leo, yo e bileng e le Tona wa Merero ya tsa Mafatshe a Sele le Ditirisanyo, Dr Lemogang Kwape o reile banni ba mafelo a mabedi ao a re keletso ya ga Tautona ke gore Batswana ba wele dibete ka ene le tautona wa Namibia ba santse ba le mo dipuisanyong tsa go tlhomamisa gore ditlhotlhomiso tsa tiragalo eo e dirwa ka matsetseleko go fitlhelela di wela.

A re Botswana le Namibia ke baagisanyi mme e bile mafatshe a a tswa kgakala a dirisanya, ka jalo go maleba gore go nne le neelano mo ditlhotlhomisong tsa tiragalo eo.

A re Batswana ba tshware dipelo go fitlhelela kgang e ya motsubong. 

Dr Kwape a re Tautona o lemogile fa go nnile le ditiragalo dingwe tse di fatlhang jaaka dipuo tsa lesotlo mo maranyaneng le go tlhaselwa ga dikoloi tsa megobagoba tsa Botswana kwa molelwaneng wa Ngoma, mme jaaka tshaba eno e rata Kagiso le thitibalo, e tswelele fela jalo ba seka ba ipusolosetsa.

A re lefatshe la Botswana fela jaaka le tumile ka go tlotla ditsamaiso,  le banni ba Chobe ba tswelele fela jalo ka go tlotla melao ya mafatshe a a mabapi.

Tona Dr Kwape a re mo bogaufing ditlhotlhomiso tsa tiragalo eo ya  Ngwanatsele a tlhola ga tlhano, di tlaa wela mme Batswana ba tlaa itsesiwe boammaaruri jwa kgang, ka jalo ba nne pelotelele.

O bile a bolelela batsena phuthego gore Tautona Masisi o mo laetse go tshwaragana ka ditlhaeletsanyo le molekane wa gagwe kwa Namibia gore fela jaaka bo tautona ba mafatshe a mabedi ba tlhotlhomisa tirgagalo, a netefatse gore kgang e ga e senye botsalano jwa mafatshe a. 

Fa a tswa la gagwe, Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o ne a solofetsa banni gore mafatshe ka bobedi a tshwaraganetse ditlhotlhomiso ka neelano le kutlwisisanyo a bo a supa fa ba sale ba simolotse fela letsatsi morago ga tiragalo.

A re fa ditlhotlhomiso di tsweletse jalo Batswana ba tlhomamise gore ba dirisa dikgoro tsa melelwane ka fa tshwanelong,.

A re seo e tlaabo e se go obamela molao fela se tlaa thusa mo go laoleng bolwetse jwa COVID-19 jo bo tlhasetseng lefatshe ka bophara.

Fa a leboga, Mothusa Tona mo lephateng la Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Boitsaanape le Boranyane, Rre Machana Shamukuni a re jaaka banni ba Chobe ba na le masika kwa Namibia go kgoberega maikutlo le go ipusolosetsa mo go tse di dirilweng ke ba Namibia go ka ba bakela selelo ka  ke bana ba mpa.

A re batho ba Chobe ke barata kagiso le thokgamo mme go tswelela ka boitshwaro joo go ka thusa go fefosa ditlhotlhomiso tsa tiragalo magareng ga mafatshe a mabedi.

Lekoko leo la matona a mararo le tlhomilwe ke Tautona go buisa banni ba metse ya Chobe e e tshwaraganetseng molelwane le Namibia go ba ritibatsa maikutlo le go ba solofetsa fa puso ya Botswana le ya Namibia di tshwaraganetse go tlhotlhomisa tiragalo eo ya go thuntshiwa le go bolawa ga banna ba le bane, ba boraro jwa bone bo tlholegang kwa Namibia fa yo mongwe a tlholega kwa Zambia.

Mo thomong ya bone, lekoko le rumilwe go kopa Batswana go tswelela ba lemoga fa matlo go osha mabapi e bile lefatshe leno le lemoga botlhokwa jwa ditirisanyo magareng ga lone le la Namibia.

Ka jalo Batswana ga ba a tshwanela go itetlelela go senya kutlwano le kagiso eo mme ba emele go utlwa pego ya batlhotlhomisi ba tiragalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 22 Nov 2020