Phenyo e mo thapelong
22 Nov 2020
Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng, o simolodisitse maiteko a go tsibogela seemo sa kgokgontsho ya bong mo motseng wa Molepolole.
Tona Morwaeng o ne a tshwaraganetse tiro eo le Kgosi Kgari III wa Bakwena gammogo le dikereke.
Thulaganyo eo ya go tsibogela kgokgontsho ya bong, e simolotse ka Matlhatso ka go tshwarwa ga merapelo kwa dikgotleng tsa Lekgwapheng, Lephaleng, Ntloedibe le Sebele.
Rre Morwaeng o gwetlhile dikereke go nna basireletsi ba setshaba, ba dira jalo ka go diragatsa boikarabelo jwa go tlhagafalela thapelo, go thusa go bepisa matshwenyego a a tlhokisang Molepolole kagiso.
“Lentswe la kereke ke lone le re ka le ikanyang mo dinakong tse di thata, di tshwana le seemo sa gompieno ka tsholofelo ya gore thapelo e ka thusa go busetsa serodumo sa Molepolole,” ga gakolola Rre Morwaeng.
Tona Morwaeng, yo e leng mopalamente wa Molepolole Borwa, o rotloeditse botsalano jwa batsadi le bana ba bone, gore bana ba gololesego go bua matshwenyego a bone, go na le go imelwa ke dikgang ba bo ba iphitlhela ba tsere ditsela tse diseng maleba.
A re dikgang tse di tlhoka tshwaragano ya ba-na-le seabe, segolo jang dikereke, go nna teng ka dinako tsotlhe mo matshelong a setshaba gore ba lemoge fa go na le botshabelo kwa Modimong.
Tona Morwaeng e tlaa re bofelo jwa beke e e tlang ka Matlhatso, a wetse thulaganyo ya merapelo kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, ka go tshwara merapelo kwa dikgotleng tsa Loologa, Mokgopeetsane, Mmanoko le Gamodubu.
A re tiro ya mofuta o, e tlaa tswelela go fitlhelela Sedimonthole a le lesome le bobedi, ka go kopana le setlhopha sa borre, go ya ka dikgotla tse di farologanyeng go leka go tlhaloganya gore matsapa di a tsaya kae fa go lebega e le bone ba duleng baba ba setshaba jaana.
Kgosi Kgari III a re dikgang tsa kgokgontsho ya bong mo Molepolole di tlhoka batho ka bongwe ka bongwe go itshekatsheka, go batlisisa gore tsela e tsene mo sekgweng fa kae.
A re matshwenyego a gagwe ke batho ba ba felelang ba tsholola dikgang tseo kwa mapodising, fa dingwe dikgang di bipiwa ke batsadi ba ba itlhokisang boikarabelo.
“A tharabololo ya dikgang tsa kgokgontsho ya bong, e seka ya dirwa ke batsadi mo malwapeng, mme dikgang di rolelwe ba sepodisi go di rarabololo ka ditsela tse di maleba,” ga gakolola Kgosi Kgari III.
Mohumagadi wa Bakwena, Mme MmaTumagole ene o gwetlhile botsadi go emisa se go lebegang e le tlwaelo ya malwapa mangwe, ya go amogela bana go nna le baratani mo malwapeng a bone kwa ntle ga lenyalo.
A re go rotloetsa thulaganyo eo, go le gantsi go dira gore batsadi ba iphitlhele ba le mo gare ga dinaka tsa nare fa marato a bana a setse a sulafala.
“A dikgang tse re Bakwena, re di kgale le go di kgwa mathe, ka jaana ga di re age, mme di tlhobosa tsamaiso ya rona ya malapa,” ga gakolola MmaTumagole.
Mohumagadi o tsweletse ka go gwetlha batsadi go nna sekao, ka go emisa mekgwa ya go supa dipharologanyo fa pele ga bana, ka jaana go dira gore ba dumele gore ke yone tsela ya go rarabolola dikgang.
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo ene o lebogetse thulaganyo ya ga Tona Morwaeng ya go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bong, tse di amileng thata ledula le thitibalo ya Molepolole.
Mokhanselara wa Goo-Ntloedibe, Rre Geoffrey Sibisibi, ene o gakolotse ka botlhokwa jwa go dira dipatlisiso tse di ka thusang go tswa ka tharabololo ya se tota se ka tswang se baka bothata jo.
Tekodiso ya ba sepodisi ka Assistant Superintendent Uyapo Koketso e supile matshwenyego a kgolo ya dipalo tsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong, tse di amang bomme le ngwana wa mosetsana mo Molepolole.
Pego e tlhalositse fa mo ngwageng ono fela, mapodisi a kwadisitse dikgang tsa kgokgontsho ya bong di le 490, di akaretsa melato e e farologanyeng ya kgokgontsho Botswana ka bophara. ASP Koketso a re mo dikgannyeng tsa dititeo, ba kwadisitse di le masome marataro mo Molepolole, a tlatsa ka go re ke dikgang di fera bongwe fela tse di sekilweng, mme bangongoregi ba tsholotse di le masome matlhano le bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Gaborone
Event : Merapelo
Date : 22 Nov 2020