Breaking News

Ba fa pele ga lekgotla ka boitshwaro jo bo makgwakgwa

19 Nov 2020

Basekisiwa ba le ba babedi ba itshupile fa pele ga mmakaseterata wa Maun, Rre Thebeetsile Molalu, ka molato o le mongwe wa boitshwaro jo bo makgwakgwa.

Bobedi joo, ebong mosadi wa dingwaga tse di masome a mane wa kgotla ya Botshabelo kwa Toteng, ebong Dikagiso Mosweu le monna wa dingwaga tse di le lesome le bofera bongwe wa kgotla ya Moeti kwa Maun, Poloko Bothasetse.  

Go ya ka dintlha tsa tsheko, basekisiwa ba ne ba itshwara ka boitshwaro jo bo makgwakgwa ka go tshuba ntlo ya mongongoregi.

Go bolelwa ba ne ba tshuba molelo gaufi le ntlo ya mongongoregi, mme seo sa baka gore ntlo eo e she kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le borataro kwa Sehithwa.

Dintlha tsa molato di tlhalosa fa basekisiwa ba ne ba tshuba setlhare seo ka go leka go tsaya mamepe a dinotshi, mme molelo wa tswa mo taolong wa fisa ntlo ya mongongoregi, go baka ditshenyegelo tse di ka tshwarang sekete sa dipula.

Mosweu a re ga a ipone molato fa mosekisiwa wa bobedi e bong Bothasetse ene a ne a ipona molato.

Mosekisi, Rre Khani Khani o boletse fa basekisiwa ba tlaa itshupa fa pele ga lekgotla gape Kgwedi ya Sedimonthole e tlhola gangwe.

Mo tshekong e nngwe, monna wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano, Babedi Raphael wa Boseja Kubung kwa Maun a re ga a ipone molato mo molatong o le mongwe wa go fitlhelwa ka motekwane wa selekanyo sa 435.2 grams.

Go ya ka dintlha tsa molato, Raphael o ne a fitlhelwa ka motekwane a sena tetla kwa kgotleng ya Boseja ka ngwaga wa 2018.

Mme Dimpho Motseonageng wa bosekisi o ne a supa fa mosekisiwa a tlaa fiwa dipampiri tsa basupi tsotlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Tsheko

Date : 19 Nov 2020