Breaking News

Kgosi Sesinyi o rotloetsa borre go tswa molomo

19 Nov 2020

Kgosi Balebetse Sesinyi wa Mogome o rotloeditse borre ba ba kgokgontshiwang go tswa lentswe le go kopa thuso.

O buile se ka Laboraro fa borre ba motse oo ba ikopantse le Lephata la Merero ya Setshaba, Boagedi le Tsa Bong le lekgotla la Humana People to People go buisana ka dikgang tse di ba amang.

Kgosi Sesinyi a re o dumela fa borre ba ne ba ile go itseela ka tseo-pedi gore ba tle ba rute bana ba bone le ba ba sa kgonang go iponagatsa kwa bokopanong jo.

A re go supafala gore le ntswa borre ba kgokgontshiwa, ba swela kgapeng ka ga se batho ba ba ratang go kopa thuso kwa bagakoloding ka jalo ba tlale tshakgalo le gone go kgokgontsha.

“Lerato ga le supiwe ka kgokgontsho, polaano le dikiteo mme le supiwa ka kutlwano, kagiso le tirisano mmogo,” ga bua Kgosi Sesinyi.

A re o lemogile fa borre ba kgokgontsha thata fa ba itshietse, a re seo se a tshwenya ka ba ka felela ba bolaile mosadi ka jalo a felele a ya kgolegelong, seo se nne le seabe mo tshotlegong ya bana ka ba felela e le morwalo wa boipelgo.

Mmereki wa lephata la Merero ya Setshaba, Boagedi le Tsa Bong, Mme Malebogo Abesai, a re o leboga borre go bo ba ikopetse bokopano joo ka se se supa fa ba tshwenyegile thata ka dikgang tse di ba amang jaaka kgokgontsho ya bong, seabe sa bone mo kgodisong ya bana le botsogo jwa bone.

Mme Abesai o tlhalosa fa ba nnile le dikgang tse dintsi tsa kgokgontsho ya bong, go tlhakanela dikobo le bana ba ba kwa tlase le dipetelelo, selo se se diragetseng thata ka nako ya kiletso mesepele.

“Borre le tshwanetse go tsaya botsogo jwa lona ka thwaafalo le seka la tshaba go itlhatlhoba, nnang le seabe mo kgodisong ya bana gape dirang ka tsotlhe go lwantsha kgokgontsho ya bong,” ga bua Mme Abesai.

Mme Monica Kaisa go tswa kwa Humana People to People a tlhalosa fa go na le mefuta ya kgokgontsho e le mene, e akaretsa kgokgontsho ya maikutlo, kgokgontsho ya tsa itsholelo, kgokgontsho ya go betsa/go bolaya le kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo.

“Ke lemogile fa kgokgontsho ya maikutlo e le ntsi thata mo malwapeng e bile e laola ba le bantsi,” ga tlhalosa Mme Kaisa. Keletso ya rona ke go bona go feta dingwaga go sena dikgetsi tsa kgokgontsho ya bong le dipetlelelo mme seo se tlaa supa fa dipuisano tse tsa rona di wetse  mo mmmung o o siameng,” ga tlhalosa Mme Kaisa

Moruti Mosupi Kelesitswe go tswa kwa lekgotleng la baruti (Ministers Fraternal) o ne a re o tshwenngwa ke borre ba ba sa ntsheng meneelo kwa dikerekeng mme se se supa fa madi a bone a felela kwa go sa siamang teng.

“Ga re a tshwanela go bolaana ka Baebela e supa fa re tshwanetse go ntsifala go atlolosa lesika, Modimo ke lorato mme re tshwanetse go rata ba bangwe go supa mowa wa kagiso,” ga bua Rre Kelesitswe.

O ne a kopa borre go itshegetse ka thapelo, fa maikutlo a ya kwa godimo, le go  khubama ba rapele. A re go bala Baebele go botlhokwa ka e gakolola e bo e kaela go dira ditiro tse di eletsega mo setshabeng.

A rotloetsa borre go tsena dikereke go ithuta Lefoko la Modimo gore ba tshele sentle e bile ba feme kgokgontsho ya bong mo malapeng a bone.
Moruti Oduetse Lesetlhe o ne a re mmu oo siamng ke one o o ungwang maungo a a siameng.

“Bomme ba ntse fela mo kgokgontshong ka lebaka la go tlhoka, mme ga ke dumelane le kgang ya teng ka lorato ga le amanngwe le dithoto kana madi, ka lorato ga le reke.  Molemo wa kgokgontsho ya bong ke go nna le mosadi a le mongwefela ka ga ke ise ke utlwe gotwe mosadi o nyetswe ke borre ba le babedi,” ga bua Rre Lesetlhe.

Monana Rre Michael Mate o supa fa borre ba nna ba supiwa ka monwana ntswa go ka seke go nne le mosi go sena molelo.

 “Bomme ba a re kgokgontsha ka rona re fekeediwa ke maikutlo, a go lejwe molemo wa kgang eseng gore basekise ba nne ba le mo letlhakoreng la bomme fela,” ga bua Rre Mate.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Mogome

Event : Puisanyo

Date : 19 Nov 2020