Breaking News

Lekgotla la boikuelo le golola baikuedi

19 Nov 2020

Lekgotla la boikuelo la makgotla a Setswana le golotse baikuedi ba le lesome le bofera bobedi mo melatong ya bogodu jwa leruo.

Baikuedi ba ne ba bonwe molato ke makgotla a Setswana aa kwa tlase.

Mo di tshekatshekong tsa tshwetso ya makgotla a Setswana aa kwa tlase kwa Ghanzi ka Mosupologo, mo baikueding ba le lesome le bofera bongwe, ba le babedi ga ba atlega.

Mangwe a mabaka a baikuedi ba  ba neng ba gololwa ka one a akaretsa go sa tsamaisiwe sentle ga ditsheko kgotsa go ithokomolasa ditsamaiso le melawana ya tsheko ke basekisi  le go tlodisa matlho bosupi, go tlhoka se se golaganyang basikisiwa le molato le go gataka ditshwanelo tsa basekisiwa.

Mo diemong tse dingwe, lekgotla le fitlhetse gore bangwe ba ne ba sekisiwa ba seo mo pampering ya tibiso molato , fa bangwe ba sa fiwa nako ya go ipaakanyetsa tsheko.

Ao otlhe mabaka le a mangwe, a ne a dira gore  dikgosi tsa   lekgotla le legolo la boikuelo la makgotla a Setswana  ebong  Kgosi Mothibe Linchwe, Kgosi Donald Mosielele II  le kgosi Andrew Bosilong ba golole bangwe  mo melatong ya bogodu jwa leruo.

Mo kgannyeng e nngwe, Xase Xukuri, Khanxa  Kanamatso  le Mago Puso ba ne ba  atlholetswe dingwaga tse tlhano mongwe le mongwe wa bone ngogola ka molato wa  go utswa dipodi  tse nne le phoko.

Kgosi Linchwe o  tlhalositse  fa baikuedi ba sa neelwa sebaka  sa go soboka morago  ga go reetsa basupi, a re se ke tlolo tsamaiso ya tsheko.

O ne gape a tlhalosa fa bosekisi bo ne jwa itlhokomolosa go dira sekale sa dipodi tse go bolelwang baikuedi  ba di utswile.

Ka jalo diphoso tse lekgotla le di kaileng  di neela baikuedi tshwanelo ya go gololwa  a bo a laela gore le menwana ya bone e phimolwe mo melatong.
Boikuelo  jwa ga Toomo Joo le Kaashe Mothodi le jone bo ne jwa atlega.

Kgosi Linchwe    o tlhalositse fa motlhotlhothomisi wa tsheko le motsamaisi  ba ne ba ikgatholosa go bapisa digwapa le letlalo la namane  e go tweng e ne e utswile  ka maranyane a

DNA le go tswelela  ba bapisa kgomo e go kaiwang e le mmaayone.

A re se  e  nnile boitseme ka puso  e na  le ditsompelo tsotlhe go tlhomamisa molato le go tlisa boikanyo mo tirong ya batsamaisa tsheko.

Fa a rola tshwetso ka  boikuelo jwa ga Khocqo Xlare, Kalane Cuite, Xeetee Tomaleho  le Tommy Bebenyane, Kgosi  Bosilong  a re kwa ntle ga go tlhoka  go nyalana ga bosupi, motlhothomisi le ene o paletswe ke go rurufatsa bosupi jwa gagwe ka a ne a re  o dupile  ka nko  fela  go utlwa gore nama ke ya kgomo, a re seo ga se bosupi jo lekgotla le ka  bo tsayang  tsia.

Mo boikuelong jwa ga Johannes Gaoduelwe  le Xlau Komtsha, Kgosi Bosilong o boletse fa basekisiwa ba ne ba runtshiwa tshwanelo ya go batlelwa motoloki le go ipatlela mmueledi  e bile  pampiri ya tibiso molato e ne e sa nna sentle.

Le fa le baikuedi  ba le  mmalwa ba ne ba atlega, ikuelo ya ga Dabe  Xhase  le Xhao Kadonse  e ya seka ya atlega.

Fa a ntsha tshwetso ka boikuelo jwa bone, Kgosi Mosielele  a re tsheko ya bone e ne e tsamaile sentle go sena ope yo o beilweng ka fa mosing mme a laola gore ba boele kwa kgolegelong go tsweledisa katlholo ya bone

Ba bosekisi ba gwetlhilwe go itse ditselana tsotlhe tsa molao tse di amanang le ditsheko  le go ithuta tsamaiso yotlhe  ya tsheko.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Tsheko

Date : 19 Nov 2020