Breaking News

Mpetsane o supa botlhokwa jwa ditlhare

19 Nov 2020

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Flora Mpetsane, o rotloeditse batho go jwala le go somarela ditlhare.

E rile a bula semmuso letsatsi la temo ya ditlhare kwa Masukwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka Laboraro, Mme Mpetsane a supa fa temo ya ditlhare e le botlhokwa thata, ka jalo e tshwanelwa ke go tsewa tsia.

A re botlhokwa jwa temo ya ditlhare bo ne jwa gwetlha tautona wa bobedi wa lefatshe leno Sir Ketumile Masire go simolodisa lenaneo la temo ya ditlhare ka ngwaga wa 1985, maikaelelo e le go leka go jwala mowa wa tshomarelo ditlhare.  Mme Mpetsane, yo eleng mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, o ne supa fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsibosa le go ruta batho ka botlhokwa jwa go lema ditlhare.

O ne a tlatsa ka gore maikaelelo a mangwe e ne e le go rotloetsa tshomarelo ya dikgwa le matlotlo a tlholego le go ruta ka botlhokwa jwa ditlhare mo go lwantsheng bosekaka le go fokotsa manokonoko a phetogo ya loapi.

A re go botlhokwa gore bagwebi ba ba gwebang ka ditsa tlhogo le dibapalwa nageng, ba sale morago ditsamaiso, mekgwa le melao ya Setswana ya tshomarelo dikgwa. 

Mme Mpetsane  a re batho ba pele ba ne ba leka bojotlhe go dibela dimela mo tikologong e ba nnang mo go yone.  A re ba ne ba dira jalo ka go sa nneng le go ruela mo lefelong le le lengwe lobaka lo lo leele, e le go fa naga sebaka sa go itapolosa gore e none gape.

A re lentswa ditlhabololo tsa segompieno di baka gore batho ba nne le go ruela ruri mo mafelong a le mangwe, fela ba leke ka bojotlhe go somarela dikgwa tse di mo tikologong ya bone.

Mme Mpetsane a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya fa mafatshe a setse a kgatlhegela melemo ya setso jaaka sengaparile, tlhoka botshwaro le e mengwe, a re seo se supa fa dikgwa di ka thusa mo go tsholetseng itsholelo ya lefatshe.

O tsweletse a supa botlhokwa jwa gore go dirwe dipatlisiso ka dimela dingwe, go bona gore a di ka seke tsa thusa go tlhabantsha malwetse mangwe a a sa tshelanweng, mme a le borai mo botsogong jwa batho.

Gontse go le foo, Mme Mpetsane o ne a kopa batho go tswelela ba itshireletsa mo bolwetseng jwa COVID-19.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Masukwane, Rre Balimi Siku a re go bo letsatsi leo le tlhomilwe semmuso go ketekwa mo lefatsheng leno, go supa fa e le ruri temo ya ditlhare e le botlhokwa, ka jalo a gwetlha batho go tlogela mokgwa wa go rema ditlhare, bogolo jang tse di santseng di le metsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masukwane

Event : Pulo semmuso

Date : 19 Nov 2020