Komiti ya ditlhabololo e aba ntlo
19 Nov 2020
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Selolwane kwa Tutume ba agetse Rre Boy Mudongo ntlo.
Modulasetilo wa komiti eo, Mme Ndulamo Mazereku, a re ba ne ba gwetlhwa ke seemo se Rre Mudongo a neng a sala a le mo go sone morago ga go re ntlo ya gagwe e jewe ke molelo.
O boletse seo fa ba ne ba rolela Rre Mudongo ntlo eo kwa Selolwane ka Laboraro.
Mme Mazereku a re ba ne ba kopa dithuso mo bathong.
O lebogetse batho ba kgotla eo kemo nokeng e ba e supileng fa ba ne ba kopa dithuso ka ba kgonne go fetsa kago eo ka ponyo ya leitlho. Mogwebi wa monana kwa Tutume, yo o neng a le sebui sa tlotla kwa modirong oo, Rre Watshila Khani o ne a lebogela komiti go supa lerato.
Rre Khani a re maloko a komiti a lebanwe ke go iteelwa legofi ka tiro e ba e dirileng e le kgolo thata.
O ne a rotloetsa batho go nna le mowa wa boithaopo le wa go aba, a re go dira jalo go rotloetsa batho go dira ba le setlhopha.
O ne a kopa batho go ipabalela mo segajajeng sa COVID 19, .
Rre Khani o ne a kopa gape gore batho ba kgaole mesepele e e sa tlhokafaleng le go obamela melawana ya botsogo. O gwetlhile baeteledipele ba motse go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng le go thusana le puso go lwantsha seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Kabo dimpho
Date : 19 Nov 2020