Thwane o kopa borre go itshwara
19 Nov 2020
Borre ba gakolotswe go laola maikutlo fa ba kgopisegile. Kopo e e dirilwe ke Kgosi George Thwane wa Artesia kwa bokopanong jwa borre jo bo neng bo rulagantswe ke boemedi jwa lefatse la Fora le jwa Lekgotla la Ditshaba mo Gaborone ka Labobedi.
Kgosi Thwane a re dipolaano ga se sone setho sa Batswana, a tlhalosa fa molemo wa kgang e le go buiwa go na le go bolaya.
A re dipolaano le kgokgontsho tse di dirwang mo go bomme ke kgwetlho e e tshwanetseng go emelwa ka dinao.
Kgosi Thwane a re borre ke bone ba tshwanetseng go sireletsa bomme le bana ba basetsana, go na le go ba kgokgontsha ka tlhakanelo dikobo ya dikgoka le go ba keteka.
A re kgokgontsho ya bong e tshwanetse go lejwa ele seru se se wetseng lefatshe, ka jalo, mongwe le mongwe o ka tsenya letsogo go e lwantsha.
Kgosi Thwane a re go ya ka Baebele, mosadi o dirilwe ka logopo lwa monna, ka jalo, borre ba tshwanetse go lebogela le go babalela bomme ka ke bontlha bongwe jwa mebele ya bone.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa lefatshe la Fora, Mme Laurence Beau a re ba bone go tshwanela go epa pitso ya borre, gore ba tswe ka ditharabololo tse di ka thibelang kgokgontsho ya bong.
Mme Beau a re Fora o dumela gore sengwe le sengwe se se thaetsweng mo loratong, ga se a tshwanela go tsisa kutlobotlhoko, ka jalo dipolaano le dititeo tsa bomme di tshwanetse go ema ka ponyo ya leitlho.
Ratoropo wa Gaborone, Rre Father Maphongo, a re le bone ele mapolotiki ga ba bee kgokgontsho ya bong sebete, ebile ba tlaa leka ka tsotlhe go e lwantsha.
A re ngwao le yone e tshwanetse go lejwa lejwa, ka o kare gona le ka fa e baang bomme ka fa mosing ka teng. Mookamela lekalana la tsa bong kwa lekgotleng la mafatshe a borwa jwa Aferika (SADC), Dr Joseph Pitso, a re gore kgokgontsho e kgonwe, ke fa mebuso e tsepame mo go ntsheng madi a a tlhokafalang go e lwantsha.
A re puo ya molomo ka bonosi, go sena ditsompelo, ga e na maduo, ka jalo mafatshe a tshwanetse go ititaya ka thupana go tsenya madi a a lekaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : Gaborone
Event : Bokopano
Date : 19 Nov 2020