Monni o abela dikole tse tse tharo di bipa melomo
18 Nov 2020
Mme Sophie Mautle wa Hukuntsi o abetse dikole tse di potlana di le tharo di bipa melomo le dinko di le sekete le masome a matlhano tse di lopileng P10 500.
Mo kabong ya dimpho tseo ka Mosupologo, Mme Mautle o tlhalositse fa a gwetlhilwe ke lerato go amogana le banni ba metse e e kgakala le ditlamelo bonnye jo a nang le jone.
A re o ne a itlama gore o tlaa abela dikole di le tharo tsa Mosiiwa, Ledibela le Makgakgane.
E re ka gotwe mabogo dinku a a thebana, Mme Mautle a re o ne a kgona go fitlhelela tiro eo ka thuso ya ga Mme Banyana Mokwaleng yo o neng a ithaopa go di roka ka tlhwatlhwa e e kwa tlase go tsenya letsogo mo go thuseng pabalesego ya baithuti.
Mo go tse dingwe, Mme Mmautle o ne a kgothatsa baithuti ba dikole tseo, go tshwara ka thata mo dithutong tsa bone ka nako tsotlhe.
O ne a tlatsa ka gore ba ikanye thapelo go emelana le diemo tse di thata go fitlhelela phenyo, a bo a ba rotloetsa gore ba seka ba kgobega marapo.
O ne a supa fa a simolotse leeto la go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go ralalala kgaolo ka kakaretso, go thusa go tokafatsa matshelo a bone go nna a a itumedisang.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Merapelo Tshweneyagae o ne a iteela barutabana legofi go bo ba tshwere ka natla go rutuntsha baithuti mabapi le go ipabalela kgatlhanong le segajaja sa COVID-19.
Kgosi Tshweneyagae o ne a leboga Mme Mautle go emela dikole tseo ka dinao.
A re go dira jalo go supa lerato mo go bagaeno, mme a gwetlha banni ka kakaretso go tsaya malebela ka go nna ba gakologelwa kwa ba tlholegang teng.
Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Hukuntsi, Rre Kerapetse Jane, o ne a akgola maiteko a ga Mme Mautle go thusa go fetola seemo mo kgaolong ya bone mo nakong e go leng thata.
A mo rotloetsa go seke a ipona tsapa mme a tswelele ka mowa o, wa bopelotlhomogi ka go otlolola letsogo mo go ba bangwe ba ba kwa metseng e mengwe e e mo tikologong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : Hukuntsi
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Nov 2020